1“E re fa mongwe a ka fitlhelwa a bolailwe mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go le rua, a namaletse mo nageng fela, go sa itsiwe yo o mmolaileng,
2foo bagolwane ba gago le baatlhodi ba gago, a ba eme ba lekanye bokgakala jwa metse e e mo tikologong ya gagwe yo o bolailweng.
3Bagolwane ba motse o o gaufi le motho yo o bolailweng ba tseye kgomo ya moroba mo matlhapeng, e go iseng go dirwe ka yone, e e iseng e goge mo jokweng;
4ba ise kgomo eo ya moroba kwa molapong mongwe o o metsi a elang, e le o o sa lengwang, o o sa jalwang, mme kgomo ya moroba ba e komolele thamo gone mo molapong.
5Baperesiti bomorwa Lefi ba atamele; gonne ke bone ba Jehofa Modimo wa gago o ba itshenketseng go o direla le go segofatsa mo ineng la ga Jehofa; mme kgang nngwe le nngwe le titeo nngwe le nngwe e tlaa ema ka fa lefokong la bone.
6Bagolwane botlhe ba motse oo ba ba gaufi le motho yo o bolailweng, ba tlhape diatla mo godimo ga kgomo ya moroba e e komoletsweng thamo mo molapong;
7mme ba bolele ba re: ‘Diatla tsa rona ga di a tsholola madi a, le matlho a rona ga a a bona.
8Jehofa, itshwarele Iseraele batho ba gago ba o ba rekolotseng, o se ka wa leseletsa madi a a se nang molato a nna mo gare ga Iseraele batho ba gago.’ Mme madi ba tlaa a itshwarelwa.
9Jalo o tlaa bo o tlosa madi a a se nang molato mo gare ga gago, mogang o dirang se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.
Molao ka ga basadi ba ba tshwerweng mo ntweng10“E tle e re fa o bololela baba ba gago go tlhabana nabo, mme Jehofa Modimo wa gago a ba tsenya mo diatleng tsa gago, o tla nabo o ba tshwere ditshwarwa,
11mme fa o bona mosadi yo montle mo batshwarweng, mme o mo eletsa, o rata go mo tsaya a nna mosadi wa gago;
12foo o mo ise kwa gae kwa ntlong ya gago; mme mosadi a ipeole tlhogo, a ikgaole dinala.
13Seaparo sa gagwe sa botshwarwa a se apole, a nne mo ntlong ya gago, a lelele rraagwe le mmaagwe ka kgwedi e e tletseng; morago ga moo o ka tsena kwa go ene, wa nna monna wa gagwe, le ene a nna mosadi wa gago.
14Go tlaa dirala gore fa o sa mo itumelele, foo o mo lese a ye kwa o go ratang; o se ka wa mo rekisa ka madi gope, o se ka wa mo direla jaaka motlhanka, gonne o mo sentse.
Molao ka ga boswa jwa ngwana wa ntlha wa mosimane15“Fa monna a na le basadi ba le babedi, mongwe a ratwa, yo mongwe a ilwa, mme fa a bonye bana nabo boo babedi, yo o ratwang le yo o ilwang; fa motsalwapele wa mosimane e le ngwana wa yo o ilwang;
16foo a go dirale gore e re mo letsatsing le o abelang bana ba gagwe ba basimane boswa jwa dilo tse o nang natso ka lone, a se ka a baya morwa moratwa go nna motsalwapele fa pele ga morwa moilwa yo o leng motsalwapele.
17A a supe morwa moilwa fa e le motsalwapele ka go mo naya sebedi sa dilo tsotlhe tse a nang natso, gonne ke ene tshimologo ya nonofo ya gagwe; tshiamelo ya motsalwapele e be e le ya gagwe.
Molao ka ga ngwana wa mosimane yo o sa utlweng molao18“Fa monna a na le ngwana wa mosimane yo o logwadi, yo o tsuololang, yo o ganang go utlwa lentswe la ga rraagwe, kgotsa lentswe la ga mmaagwe, mme le fa ba mmetsa a gane go ba utlwa,
19foo boorraagwe le mmaagwe ba mo tshware, ba mo ise kwa bagolwaneng ba motse, le kwa kgotleng ya felo ga gagwe;
20ba reye bagolwane ba motse wa ga gabo, ba re: ‘Ngwana yo wa rona o logwadi, o a tsuolola, o gana go utlwa lentswe la rona; ke motho wa ditlhapelo mo go tsheleng ga gagwe, e bile letagwa.’
21Banna botlhe ba motse wa ga gabo ba mo kgobotletse ka maje, a swe, jalo o tlaa bo o tlosa bosula mo gare ga gago; mme Baiseraele botlhe ba tlaa utlwa, ba boifa.
Melao e mengwe22“Fa motho a dirile boleo bongwe jo bo tshwanetseng loso, mme a bolawa, fa o mo pega mo setlhareng,
23 setoto sa gagwe a se se lale mo setlhareng, mme ruri o mo fitlhe ka tsatsi leo; ka gonne yo o pegilweng o hutsegile mo Modimong; gore o se ka wa itshekelola lefatshe le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.