JOBE 31 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Ke ne ka dira kgolagano

le matlho a me, jalo

ke ne ke ka leba mosetsana jang?

2Gonne kabo ya Modimo

e e tswang godimong ke eng,

le se Mothatayotlhe

o se abang boswa

jo bo tswang bogodimong ke eng?

3A ga se tatlhego ya basiamolodi,

le go ya setime ga badiri

ba boikepo?

4A ga a bone ditsela tsa me,

a ba a bala dikgato tsotlhe tsa me?

5“Fa ke sepetse ka boithamako,

fa lonao lwa me lo akofetse

mo tsietsong;

6(a ke lekanngwe mo selekanyong

sa pego se se lekalekanyeng,

gore Modimo o tlo o itse

thokgamo ya me);

7fa kgato ya me e fapogile tsela,

fa pelo ya me e setse matlho a me

morago,

fa setshubaba sengwe se ngaparetse

diatla tsa me,

8foo a ke jale, mme go je o sele;

ee, a ditotafalo tsa tshimo ya me

di mumulwe.

9“Fa pelo ya me e kile ya fepisiwa

ke mosadi,

fa ke laletse fa kgorong

ya wa gaetsho;

10foo a mosadi wa me a silele o sele,

mme ba bangwe ba obame

mo go ene.

11Gonne moo e ne e tlaa nna

mathamo;

ee, e tlaa nna boikepo

jwa go bediwa ke baatlhodi;

12gonne ke molelo o o lailelang kwa

Tshenyegong,

e le o o neng o tlaa mumula

totafalelo ya me yotlhe fela.

13“Fa e rile motlhanka wa me,

le fa e le lelata la me,

ba ganela le nna

ka nyatsa mafoko a bone;

14foo ke tlaa dirang

mogang Modimo o nanogang?

Mogang o sekisang

ke tlaa o fetola ke reng?

15Yo o ntirileng mo sebopelong

a ga a a mo dira le ene?

A ga re a bopiwa roo babedi

ke a le mongwe fela mo sebopelong?

16“Fa ke ganne ka sengwe

se mohumanegi o ne a se eletsa,

kgotsa ka tlhaedisa matlho

a mosadi wa motlholagadi;

17kgotsa fa ke jele thathanyana ya me

ke le nosi,

mme lesiela le se ka la ja ga yone;

18(nnyaa, e sa le ka bokau jwa me,

le ntse le gola fela le nna,

jaaka ke ka bo ke le rraalo;

ene ke sa le ke nna mogogi

wa gagwe

go tswa sebopelong sa ga mme);

19fa ke bonye mongwe a swa

ka go tlhoka diaparo,

kgotsa motlhoki a se na kobo;

20fa ditheka tsa gagwe

di se ka tsa ntshegofatsa,

fa a se ka a thuthafadiwa

ka bobowa jwa dinku tsa me;

21fa ke tsholeleditse lesiela

letsogo la me go le senya,

ka gobo ke bona thuso ya me

kwa kgotleng,

22foo a lerudi la me

le we mo legetleng,

letsogo la me

le komolwe mo lesapong.

23Gonne tatlhego e e tswang

mo Modimong

e ne e le theregiso mo go nna

mme ka ntlha ya tlotlomalo ya one

ke ne ke sa nonofa go dira sepe.

24“Fa ke dirile gouta tsholofelo ya

me, mme

ka raya gouta e e itshekileng ka re:

‘O boikanyo jwa me;’

25fa ke itumetse

ka gobo khumo ya me e le kgolo,

le ka gobo seatla sa me

se bapetse thata;

26fa ke lebile letsatsi ka le phatsima,

kgotsa kgwedi ka e tsamaya

mo bophatsimong;

27fa pelo ya me e fepisiwa

ka bosaitsiweng,

le molomo wa me

wa atla seatla sa me,

28moo le gone

e ne e tlaa nna boikepo

jwa go bediwa ke baatlhodi;

gonne ke tlaa bo ke akeditse

Modimo o o kwa godimo.

29“Fa ke itumeletse tshenyego

ya yo o nkilang,

kgotsa ka ikgoletsa kwa godimo

fa bosula bo mo tshwere;

30(ee, ga ke a ka ka leseletsa molomo

wa me go leofa

ka go lopa ka phutso gore a swe);

31fa batho ba mogope wa me

ba se ka ba re:

‘E mang yo o ka bonang mongwe

yo o sa kgorang dijo tsa gagwe?’

32Moeng ga a ka a lala mo mmileng,

mme ka bulela motsamai

ditswalo tsa me;

33fa ke editse Atame

ka bipa ditlolo tsa me,

ka loba boikepo jwa me

mo sehubeng sa me,

34ka gobo ke ne ke boifa bontsi

jo bogolo,

fa lonyatso lwa ba makgotla

lo lwa ntheregisa

ka ba ka tla ka didimala,

ke se ka ka tswela kwa ntle ga ntlo;

35a bo ke ka bo ke na le mongwe

yo o nkutlwang!

(Bona, go ikwala ga me ke mo,

a Mothatayotlhe a mphetole);

mme ka nna le lokwalo lo lo

mpayang molato,

lo moganetsi wa me o lo kwadileng!

36Ruri ke ne ke tlaa lo sikara

mo leruding la me;

ke ne ke tlaa lo bofelela mo go nna

jaaka serwalo sa tlhogo.

37Ke ne ke tlaa mo kakanyetsa

palo ya dikgato tsa me,

ke ne ke tlaa mo atamela

jaaka kgosana.

38Fa lefatshe la me le goa

ka ga me,

le meralo ya lone e lela mmogo;

39fa ke jele maungo a lone

e seng ka madi, kgotsa ke gonotse

mowa wa beng ba lone,

40a sitlasitlwane e tlhoge

mo boemong jwa mabele le mofero

mo boemong jwa mmidi.”

Mafoko a ga Jobe a fedile.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help