JOBE 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1Foo Jobe a fetola a re:

2“Ke utlwile dilo di le dintsi

tse di ntseng jalo; lo bagomotsi

ba lo lapisang lotlhe fela.

3A mafoko a boithamako

a ka dirana le bokhutlo?

Kgotsa ke eng se se go gakatsang

fa e bo ne ne o fetola jaana?

4Le nna ke ne ke ka bua jaaka lona;

fa mowa wa lona o ka bo

o le mo boemong jwa mowa wa me,

ke ne ke ka lo gololela mafoko

a a lo nyatsang,

ke lo thukhuthela tlhogo.

5Mme nna, ke ne ke tlaa lo nonotsha

ka molomo wa me,

le kgomotso ya dipounama tsa me

e ne e tlaa kokobetsa bohutsana

jwa lona.

6Le fa ke bua,

bohutsana jwa me ga bo a kokobela;

le fa ke ithiba

ke a bo ke imologile eng?

7Mme jaanong o ntapisitse,

o swafaditse lesomo la me

lotlhe fela.

8O nkudupantse,

e le tshupo e e nnyatsang;

borole jwa me bo a ntsogologela,

bo ntsha tshupo fa pele ga

sefatlhogo sa me.

9O nkgagotse mo bogaleng jwa one,

o mpogisitse; o ntšhenetse meno;

moganetsi wa me

o šadikanya matlho a gagwe ka nna.

10Ba nkatlhamoloseditse melomo;

ba ntiteile lesama ka kgobo,

ba nkgobokanetse go tlhabana

le nna.

11Modimo o ntsenya mo seatleng

sa ba ba sa reng Modimo sepe,

o ntatlhela mo diatleng tsa baikepi.

12Ke ne ke le mo boiketlong,

mme wa nthobaganya ka bogare,

ee, o ntshwere ka thamo

a nthubaganya;

o bile o ntlhomile,

gore ke nne sekonopiwa sa one.

13Bahudi ba one ba ntikanyeditse,

o fatola diphilo tsa me,

a sa rekegele; o tshololela

santlhokwe wa me fa fatshe.

14O mphatlakanya ka go nthubaka,

o ntshotlhomelela jaaka seganka.

15Ke rokeletse letlalo la me

letsela la kgetse,

ke beile lonaka lwa me

mo loroleng.

16Sefatlhogo sa me

se kganatheditswe ke go lela,

moriti wa loso

o mo dintshing tsa matlho a me;

17le fa go se na thubakanyo

mo diatleng tsa me,

le morapelo wa me o le boitsheko.

18“Lefatshe wee,

o se ka wa bipa madi a me,

a kgajajego ya me

e se bone felo ga boikhutso.

19 Le jaana, bona,

mosupi wa me o kwa legodimong,

le yo o nkemelang

o kwa godimong.

20Ditsala tsa me di a ntshotla,

leitlho la me

le thelela Modimo dikeledi;

21gore o tle o emele

tshiamo ya motho mo Modimong,

le ya morwa motho

mo go wa ga gabo!

22Gonne e tlaa re dinyaganyana

di sena go feta,

ke be ke ya tseleng

e ke se ketlang ke bowa mo go yone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help