LEFITIKO 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Arone o ntsha ditlhabelo

1Ya re ka letsatsi la bofera mebedi, Moše a bitsa Arone le bomorwawe, le bagolwane ba Iseraele;

2a raya Arone a re: “Tsaya namane e tonanyana ya tshupelelo ya boleo le phelefu ya tshupelo e e fisiwang, e nne tse di se nang bogole, o di ise tshupelo fa pele ga Jehofa.

3Bua le bana ba Iseraele o re: ‘Tsayang podi e tonanyana ya tshupelelo ya boleo, le namane le kwanyana, e le tsa ngwaga wa ntlha tsoo pedi, e nne tse di se nang bogole tsa tshupelo e e fisiwang,

4le kgomo, le phelefu tsa ditshupelo tsa kagiso, go di isa tlhabelo fa pele ga Jehofa; le tshupelo ya boupe jo bo tlhakanyeng le lookwane, gonne gompieno Jehofa o tlaa bonala mo go lona.’ ”

5Ba lere tse Moše o di laotseng fa pele ga mogope wa bophuthegelo; phuthego yotlhe ya atamela ya ema fa pele ga Jehofa.

6Moše a re: “Se ke sone se Jehofa o laotseng gore lo se dire, mme kgalalelo ya ga Jehofa e tlaa lo bonalela.”

7 Moše a raya Arone a re: “Atamela fa sebesong, o ise tshupelelo ya gago ya boleo, le tshupelo ya gago e e fisiwang, o itirele tetlanyo, le batho, o ba direle tetlanyo; o bo o ise tshupelo ya batho, o ba direle tetlanyo, jaaka Jehofa a laotse.”

8Jalo Arone a atamela sebeso, a tlhaba namane ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe ka esi.

9Bomorwa Arone ba isa madi kwa go ene, mme a ina monwana mo mading, a a tshasa mo dinakeng tsa sebeso, a ba a tshololela madi fa tlase ga sebeso.

10Mafura, le diphilo, le lotswalo lwa sebete sa tshupelelo ya boleo, a di fisetsa mo sebesong, jaaka Jehofa a laotse Moše.

11A fisa nama le letlalo ka molelo kwa ntle ga bothibelelo.

12A tlhaba tshupelo e e fisiwang; bomorwa Arone ba mo neela madi, mme a a kgatsha mo sebesong mo tikologong ya sone.

13Ba mo neela nama ya serwe sengwe le sengwe sa tshupelo e e fisiwang, le tlhogo, mme a di fisetsa mo sebesong.

14A tlhatswa diteng le memo, a di fisetsa mo godimo ga tshupelo e e fisiwang mo sebesong.

15A supa seromololo sa batho, a tsaya podi ya tshupelelo ya boleo e e neng e le ya batho, a e tlhaba, a e isetsa boleo jaaka ya ntlha.

16A supa tshupelo e e fisiwang, a e isa ka fa molaong.

17A supa tshupelo ya boupe, a tabola ga jone ka legofi, a go fisetsa mo sebesong fa tshupelong e e fisiwang ya moso.

18 Le gone a tlhaba kgomo le phelefu, e bong tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, e e leng ya batho; bomorwa Arone ba mo neela madi, a a kgatšha mo sebesong mo tikologong ya sone,

19le mafura a kgomo, le a phelefu, le mogatla o o mafura, le lomipi, le diphilo, le lotswalo lwa sebete.

20Ba baya mafura mo godimo ga dihuba, mme a fisetsa mafura mo sebesong.

21Dihuba le serope sa ka fa tsogong le legolo Arone a di fokisa, e le tshupelo ya mofoko fa pele ga Jehofa, jaaka Moše a laotse.

22 Arone a tsholetsa mabogo a gagwe kwa bathong, a ba segofatsa; mme a fologa a tswa mo go mo go iseng tshupelelo ya boleo, le tshupelo e e fisiwang, le ditshupelo tsa kagiso.

23Moše le Arone ba tsena mo mogopeng wa bophuthegelo, mme ba tswa, ba segofatsa batho; kgalalelo ya ga Jehofa ya bonalela batho botlhe.

24Ga tswa molelo fa pele ga Jehofa, wa ja tshupelo e e fisiwang le mafura mo sebesong; mme e rile batho ba go bona, ba thela lošalaba, ba wela fa fatshe ka difatlhogo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help