1Jehofa a bua le Moše, a re:
2“Laola bana ba Iseraele o ba reye o re: ‘Seromololo sa me, dijo tsa me tsa ditshupelo tsa me, tse di dirwang ka molelo, e le monko o o monate mo go nna, lo tlhokomele go di lere mo go nna ka dipaka tsa tsone.’
3O ba reye o re: E ke yone tshupelo e e dirwang ka molelo, e lo tlaa e isetsang Jehofa: Dikwanyana tse ditonanyana tsa ngwaga wa ntlha tse di se nang bogole, di le pedi ka letsatsi lengwe le lengwe, e le tshupelo e e fisiwang ka metlha yotlhe.
4Kwanyana ngwe e isiwe ka moso, kwanyana e nngwe e isiwe maitseboa;
5le kilokerama e le nngwe fela ya setou e le tshupelo ya boupe, go tlhakanye le litara ya lookwane lo lo kgobilweng.
6Ke tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, e e laotsweng mo thabeng ya Sinai gore e nne monko o o monate, tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
7Tshupelo ya yone e e nowang ya kwanyana e nngwe e nne litara e le nngwe fela; mo felong ga boitshepo o tlaa thelela Jehofa tshupelo e e nowang ya bojalwa jo bo loileng.
8Kwanyana e nngwe o e ise maitseboa, jaaka tshupelo ya boupe ya moso, le jaaka tshupelo ya yone e e nowang, o tlaa e isa e le tshupelo e e dirwang ka molelo, ya monko o o monate mo go Jehofa.
Ditshupelo tsa Sabata9 “E re ka letsatsi la Sabata o ise dikwanyana di le pedi tsa ngwaga wa ntlha, tse di se nang bogole, le emere ya setou e le dikilokerama di le pedi, e le tshupelo ya boupe, go tlhakanye le lookwane, e nne le tshupelo ya yone e e nowang;
10e ke yone tshupelo e e fisiwang ya Sabata mongwe le mongwe kwa ntle ga tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, le tshupelo ya yone e e nowang.
Ditshupelo tsa kgwedi le kgwedi11“Le gone e re mo ditshimologong tsa dikgwedi tsa lona lo isetse Jehofa tshupelo e e fisiwang, dikgongwana di le pedi le phelefu e le nngwe fela, le dikwanyana tse di tonanyana di supa tsa ngwaga wa ntlha tse di se nang bogole;
12le dikilokerama di le tharo tsa setou, e le tshupelo ya boupe, go tlhakanye le lookwane, e le ya kgongwana nngwe le nngwe; le dikilokerama di le pedi tsa setou, go tlhakanye le leokwane, e le tshupelo ya boupe ya phelefu;
13le kilokerama e le nngwe fela ya setou se se tlhakanyeng le lookwane, e le tshupelo ya boupe ya kwanyana nngwe le nngwe; e le tshupelo e e fisiwang e e monko o monate, tsa tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
14Ditshupelo tsa tsone tse di nowang a e nne dilitara di le pedi tsa bojalwa jwa mofine e le tsa kgongwana, dilitara di le 1,5 e le tsa phelefu, le litara e le nngwe fela e le ya kwanyana; e ke yone tshupelo e e fisiwang ya kgwedi nngwe le nngwe mo dikgweding tsotlhe tsa ngwaga.
15Le podi e tonanyana e le nngwe fela e le ya tshupelelo ya boleo mo go Jehofa; a e isiwe kwa ntle ga tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, e na le tshupelo ya yone e e nowang.
Ditshupelo tsa mediro ya senkgwe se se sa bedisiwang(Lef 23:5-14)16 “Ka lesatsi la 14 la kgwedi ya ntlha, ke tlolaganyo ya ga Jehofa.
17 Ka letsatsi la 15 la kgwedi eo a go nne modiro: a senkgwe se se sa bedisiwang se jewe ka malatsi a supa.
18E re ka letsatsi la ntlha go nne phuthego e e itshepileng; lo se ka lwa dira tiro epe ya setlhanka fela mo go lone;
19lo ise tshupelo e e dirwang ka molelo, tshupelo e e fisediwang Jehofa; dikgongwana di le pedi, le phelefu e le nngwe fela, le dikwanyana tse ditonanyana di supa tsa ngwaga wa ntlha; di nnele lona di se na bogole;
20le tshupelo ya tsone ya boupe natso, setou se se tlhakanyeng le lookwane; ga kgongwana e nne setou sa dikilokerama di le tharo; ga phelefu e nne setou sa dikilokerama di le pedi;
21ga kwanyana nngwe le nngwe ya tse di supang o ise kilokerama e le nngwe fela ya setou.
22Le podi e tonanyana e le nngwe fela ya tshupelelo ya boleo, go lo direla tetlanyo.
23Tse lo di ise kwa ntle ga tshupelo e e fisiwang ya moso, e e leng tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe.
24Lo tlaa isa ka mokgwa o o ntseng jaana ka letsatsi lengwe le lengwe, ka malatsi a supa, dijo tsa tshupelo e e dirwang ka molelo, ya monko o o monate mo go Jehofa, e isiwe kwa ntle ga tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, e na le tshupelo ya yone e e nowang.
25Ka letsatsi la bosupa lo nne phuthego e e itshepileng; lo se ka lwa dira tiro epe ya setlhanka fela.
Ditshupelo tsa mediro ya thobo(Lef 23:15-22)26 “Le gone e re ka letsatsi la mabutswapele, fa lo isetsa Jehofa tshupelo e ntšha ya boupe mo modirong wa lona wa dibeke, lo nne phuthego e e itshepileng; lo se ka lwa dira tiro epe ya setlhanka fela.
27Lo ise tshupelo e e fisiwang ya monko o o monate mo go Jehofa; dikgongwana di le pedi, phelefu e le nngwe fela, dikwanyana tse ditonanyana di supa tsa ngwaga wa ntlha;
28le tshupelo ya tsone ya boupe, setou se se tlhakanyeng le lookwane, dikilokerama di le tharo tsa kgongwana nngwe le nngwe, dikilokerama di le pedi tsa phelefu.
29Kilokerama e le nngwe fela ya kwanyana nngwe le nngwe ya dikwanyana tse di supang;
30podi e tonanyana e le nngwe fela, go lo direla tetlanyo.
31Lo di ise kwa ntle ga tshupelo e e fisiwang ya metlha yotlhe, le tshupelo ya boupe ya tsone (di nnele lona di se na bogole), le tshupelo ya tsone e e nowang.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.