PESALEMA 103 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lorato lwa ModimoPesalema ya ga Dafite.

1Baka Jehofa, mowa wa me;

le tsotlhe tse di mo teng

ga me a di bake

leina la gagwe le le boitshepo.

2Baka Jehofa, mowa wa me,

mme o se ka wa lebala

dithuso tsa gagwe tsotlhe;

3yo o itshwarelang

maikepo otlhe a gago;

a fodise malwetse a gago otlhe fela;

4yo o rekololang botshelo jwa gago

mo tshenyegong;

a go rwese tlhogo

ka bopelonomi jwa lorato,

le ka mautlwelobotlhoko a manana;

5yo o kgorisang legano la gago

ka dilo tse di molemo;

bokau jwa gago

boo bo tle bo šafadiwe

bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.

6Jehofa o dirafatsa ditiro tsa tshiamo,

le dikatlholo o di dirafaletsa botlhe

ba ba patikwang.

7O ne a itsise Moše

metsamao ya gagwe,

le madiro a gagwe

a a itsise bana ba Iseraele.

8 Jehofa o tletse bopelotlhomogi,

mme o pelotshweu,

o bonya go galefa,

o letlotlo la boutlwelobotlhoko.

9Ga a ketla a omana

ka metlha yotlhe;

le fa e le go nna ka bogale

ka bosenabokhutlo.

10Ga a a re direla

ka fa maleong a rona,

le fa e le go re duela

ka fa maikepong a rona.

11Gonne jaaka legodimo le ntse

le le kwa godimo,

godimo ga lefatshe,

boutlwelobotlhoko jwa gagwe

mo go ba ba mmoifang

bo ntse bogolo jalo.

12Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala

le bophirimatsatsi;

le ene o re tloseditse

ditlolo tsa rona

bokgakala jo bo kalo.

13Jaaka rrabana a tle a utlwele

bana ba gagwe botlhoko;

Jehofa le ene o tlhomogela

ba ba mmoifang pelo jalo.

14Gonne o itse popego ya rona,

o gakologetswe fa re le lorole fela.

15Ka ga motho ene, malatsi a gagwe

a ntse jaaka bojang fela;

jaaka sethunya sa naga,

le ene o kgaba fela jalo.

16Gonne phefo ya se foka,

mme se ile; le bonno jwa sone

ga bo ketla bo tlhola bo se itse.

17Mme boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa

bo ntse fela go tswa

bosasimologeng go ya bosaengkae

mo go ba ba mmoifang,

le tshiamo ya gagwe

go ya baneng ba bana;

18mo go ba ba bolokang

kgolagano ya gagwe,

le mo go ba ba gakologelwang

ditaelo tsa gagwe go di dira.

19Jehofa o tlhomamisitse

setulo sa gagwe sa bogosi

mo magodimong;

mme bogosi jwa gagwe

bo busa gotlhe fela.

20Bakang Jehofa lona baengele

ba gagwe;

lona dinatla mo nonofong,

ba lo dirafatsang lefoko la gagwe,

lo ntse lo reeditse

lentswe la lefoko la gagwe.

21Bakang Jehofa

lona masomosomo otlhe a gagwe;

lona badiredi ba gagwe

ba lo dirang go natefelwa ga gagwe.

22Bakang Jehofa lona ditiro

tsotlhe tsa gagwe, mo mafelong

otlhe a puso ya gagwe.

Baka Jehofa mowa wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help