JEREMIA 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jeremia o tlhoka kutlwano le Pašure

1Jaana Pašure morwa moperesiti Imere, yo e ne e le molaodi yo mogolo mo ntlong ya ga Jehofa, a utlwa Jeremia a perofesa dilo tse.

2Foo Pašure a itaya Jeremia moperofeti, a mo golegela mo disaneng tse di mo kgorong e e godimo ya Benjamine, e e mo ntlong ya ga Jehofa.

3Mme ga dirala ya re ka moso, Pašure a ntsha Jeremia mo disaneng. Foo Jeremia a mo raya a re: “Jehofa ga a raya leina la gago Pašure fa e se Magore-misabibe.

4Gonne Jehofa o bua jaana, a re: ‘Bona, ke tlaa go itshabisa ka wesi ka therego, o ba o tshajwa ke ditsala tsotlhe tsa gago; mme ba tlaa wa ka tšhaka ya baba ba bone, mme matlho a gago a tlaa go bona; le Bajuta botlhe ke tlaa ba tsenya mo seatleng sa kgosi ya Babilone, mme o tlaa ba isa Babilone e le ditshwarwa, mme o tlaa ba bolaya ka tšhaka.

5Gape dikhumo tsotlhe tsa motse o, le totafalo yotlhe ya one, le dilo tsotlhe tse di tlhokegang tsa one, ee, le mahumo otlhe a dikgosi tsa Juta, ke tlaa tsenya gotlhe fela mo diatleng tsa baba ba bone, ba ba tlaa ba thopang, ba ba tsaya, ba ba isa Babilone.

6Wena Pašure le botlhe ba ba agileng mo ntlong ya gago, lo tlaa ya botshwarong; mme o tlaa fitlha kwa Babilone o ba o swela teng, o tlaa fitlhwa gone, wena le ditsala tsotlhe tsa gago, tse o di perofeseditseng ka maaka.’ ”

Jeremia o ngongoregela Morena

7Jehofa o mphepisitse,

mme ka fepisega;

o thata bogolo go nna,

mme o fentse; ke dule

setshego sa motshegare otlhe,

mongwe le mongwe o a ntshotla.

8Gonne ke a re ke bua gangwe

le gape, ke be ke goe;

ke go ke re:

“Thubakanyo le thopo”:

ka gonne lefoko la ga Jehofa

le dirilwe mo go nna kgobo

le setshego motshegare otlhe.

9Fa ke re:

“Ga nketla ke mo umaka,

le fa e le go tlhola ke bua

mo ineng la gagwe,”

foo go bo go nne mo pelong ya me

e kete molelo o o šang

o tswaletswe mo marapong a me,

ke bile ke lapile ka go iphapaanya,

ke be ke retelelwe ke go itshoka.

10Gonne ke utlwile

dikepololo tsa batho ba le bantsi,

theregiso ka ntlha tsotlhe.

“Mmoleleng,

mme re tlaa mmolela,”

go bua ditsala tsotlhe tsa me

tse ke itsanyeng natso,

ba ba lebeletseng go kobela ga me:

“e tlaa re gongwe a rapelesege,

mme re tlaa mo fenya,

re ipusolosetsa mo go ene.”

11Jehofa o nna le nna jaaka seganka,

jaaka yo o boitshegang;

ke gone ka moo babogisi ba me

ba tlaa kgopegang,

mme ga ba ketla ba fenya;

ba tlaa tlhajwa ke ditlhong thata,

ka ba se ka ba dira ka botlhale,

ba dirile ka tlotlololo

e e sa khutleng,

e e se ketlang e lebalwa gope.

12Mme wena Jehofa wa masomosomo,

yo o lekang basiami,

yo o bonang diphilo le pelo,

a ke bone tefetso ya gago

mo go bone;

gonne ke go senoletse

mafoko a me.

13Opelelang Jehofa, bakang Jehofa;

gonne o golotse mowa wa motlhoki

mo seatleng sa ba ba dirang bosula.

14 A letsatsi le ke tsetsweng ka lone le hutsege;

a letsatsi le mme o mpelegeng

ka lone le se segofale.

15A go hutsege monna yo o isitseng

mafoko kwa go rre, a re:

“O bonye ngwana wa mosimane;”

mme a mo itumedisa thata.

16A monna yoo a nne jaaka metse

e Jehofa o e ribegeditseng,

mme a se ka a ikwatlhaya;

mme a utlwe go goa mo mosong,

le mokgosi o o

tshosang motshegare;

17ka a se ka a mpolaya

ke sa le mo sebopelong;

jalo mme e ka bo e ne e le ene

phupu ya me,

le sebopelo sa gagwe

se ka bo se ntse se le seimana

ka gale le ka gale.

18Ana ke ne ke tswelang

mo sebopelong,

ka tla go bona letsapa le bohutsana

gore malatsi a me

a tle a fetisiwe ka ditlhong?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help