1A bo o ka ka wa fatoganya magodimo, wa fologa, gore dithaba di nyere ka sebonalo sa gago;
2jaaka fa molelo o tshuba ditlharapana, le jaaka molelo o bedisa metsi; gore o itsise baganetsi ba gago leina la gago, gore merafe e tle e rorome fa pele ga gago.
3E rile o dira dilo tse di boitshegang thata, tse re se kang ra di lebelela gope, o ne wa fologa, mme dithaba tsa nyera ka sebonalo sa gago.
4 Gonne e sa le bogologolo batho ga ba ise ba ke ba utlwe, le fa e le go tlhwaisa ka tsebe, le leitlho ga le ise le ke le bone Modimo o o direlang ene yo o o lebelelang, fa e se wena fela.
5O a tle o kgatlhane le ene yo o itumelang a ba a dira tshiamo, ba ba go gakologelwang mo mekgweng ya gago; bona, o ne o galefile, mme ra leofa; re sa le re nna mo go tsone ka lobaka lo loleele, mme a rona re tlaa bolokwa?
6Gonne rotlhe re ntse jaaka motho yo o leswe, le ditshiamo tsotlhe tsa rona di ntse jaaka seaparo se se tsenyeng maswe; mme rotlhe re swaba fela jaaka lekakaba; le maikepo a rona, jaaka phefo, a re tsubulela koo fela.
7Mme ga go na ope yo o bitsang leina la gago, yo o itlotloanyang gore a go tshware; gonne o re subetse sefatlhogo sa gago, o re nyeleditse ka maikepo a rona.
8Jaana Jehofa, o rraetsho; rona re letsopa, mme wena o mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.
9O se ka wa šakgala thatathata, Jehofa, le gone o se ka wa gakologelwa boikepo ka bosakhutleng; bona, o lebe, re a go rapela, re batho ba gago rotlhe.
10Metse ya gago e e boitshepo e fetogile, e ntse naga fela; Sione o fetogile o ntse naga fela, Jerusalema ke marope fela.
11Ntlo ya rona e e boitshepo e ntle, e borraetsho ba ne ba go baka mo go yone, e fisitswe ka molelo, le dilo tsotlhe tsa rona tse di eletsegang di kgakgabetse fela.
12A o tlaa ikgogona ka ntlha ya tsone dilo tse, Jehofa? A o tlaa didimala fela, o ba o re bogisa mo go botlhoko thata?
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
