JOBE 15 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puisanyo ya bobedi ya ga Jobe le ditsala tsa gagwe(Jobe 15:1 – 21:34)Elifase

1Foo ga fetola Elifase wa Motemana, a re:

2“A monna yo o botlhale

o tshwanetse go fetola

ka kitso ya boithamako,

a kgorisa mpa ya gagwe

ka phefo ya botlhabatsatsi?

3A go tshwanetse fa a ka tsaya kgang

ka puo e e se nang thuso,

kgotsa ka dipolelo

tse o sa kakeng a dira molemo ope

ka tsone?

4Ee, o tsupuetsa poifo,

mme o ngotla tshisimogo

fa pele ga Modimo.

5Gonne boikepo jwa gago

bo ruta molomo wa gago,

mme o itshenkela loleme

lwa maferefere.

6Molomo wa gago tota o a go sekisa,

e seng nna;

ee, dipounama tsa gago

di supa ka ga gago di go nyatsa.

7“A ke wena monna wa ntlha

yo o tsetsweng?

Kgotsa a o tsetswe pele

ga dithabana?

8A o utlwile kgakololo

e e sa itsiweng ya Modimo?

A o ikganelela botlhale?

9O itse eng se rona re sa se itseng?

O tlhaloganya eng

se se seng mo go rona?

10Ba ba ditlhogo ditshweu

le banna ba ba tsofetseng thata

re na nabo,

ba ba tsofetseng thata

bogolo go rraago.

11A dikgomotso tsa Modimo

di dipotlana bobe mo go wena,

le lefoko le le buang nao ka bonolo?

12Ana pelo ya gago

e go isetsang kwa kgakala,

le matlho a gago a gwetlhelang?

13Fa e bo ne ne o sokolola mowa

wa gago go tlhabana le Modimo,

o lesa mafoko a a ntseng jalo

a tswa mo molomong wa gago?

14 Ana motho e be e le eng,

fa e bo ne ne go twe,

o ka nna montle,

le yo o tsetsweng ke mosadi,

fa e bo ne ne go twe,

o ka nna tshiamo?

15Bona, ga o ikanye baitshepi ba one;

ee, le magodimo ga a mantle

mo ponong ya one.

16Bogolo jang go sa kake ga nna jalo

motho yo o makgapha,

yo o bodileng, e le monna

yo o nwang boikepo jaaka metsi!

17“Nkutlwa, ke tlaa go kaela;

se ke se bonyeng ke tlaa se bolela:

18(Se banna ba ba botlhale

ba se boletseng

se tswa mo go borraabo,

mme ba se ka ba se loba;

19ba lefatshe le neilweng bone

ba le bosi,

mme go se ka ga fetela moeng ope

mo go bone:)

20Moikepi o inganga mo botlhokong

ka metlha yotlhe ya gagwe,

mme dinyaga tse di badilweng

di beetswe mopatiki.

21Modumo wa ditheregiso

o mo ditsebeng tsa gagwe;

le a le mo tlhogonolong

mothopi o tlaa mo wela.

22Ga a dumele fa a tlaa boa

a tswa mo lefifing,

a lebeletswe ke tšhaka.

23O kgarakgatshegela dijo, a re:

‘Di kae?’ O a itse fa letsatsi la lefifi

le etleetsegile, le le fa go ene:

24Pitlagano le tlalelo e e mahehe

di a mmoifisa;

di a mo fenya jaaka kgosi

e e iketleeditseng go tlhabana;

25gonne o otlololetse Modimo letsogo

go tlhabana nao,

o inatlafaletsa Mothatayotlhe.

26O a o sotlhomelela ka thamo

e e thata le ka dikgogoropo

tsa dithebe tsa gagwe;

27gonne o ikhurumeditse sefatlhogo

ka monono wa gagwe;

mme a dire makukunopo

a mahura mo dithekeng tsa gagwe.

28O ntse a agile mo metseng

e e swafetseng, mo matlong

a a sa nnweng ke ope,

a a ne a iketleeditse

go nna mekoa ya go wa fela.

29Ga a ketla a huma,

le dithoto tsa gagwe

ga di ketla di tlhomama,

le gone go ungwa ga tsone

ga go ketla go inamela fa fatshe.

30Ga a ketla a tswa mo lefifing;

kgabo ya molelo

e tlaa omeletsa dikala tsa gagwe,

mme o tlaa tsamaela koo ka pudulo

ya molomo wa one.

31A a se ikanye boithamako a itsietsa,

gonne boithamako e tlaa nna maduo

a gagwe.

32Go tlaa mo dirafalela

pele ga motlha wa gagwe,

kala ya gagwe

ga e ketla e nna nana.

33O tlaa udubatsega

dikungwa tsa gagwe

tse di sa butswang jaaka mofine,

o tlaa tlhotlhorega sethunya

sa gagwe jaaka motlhware.

34Gonne lesomo la ba ba sa reng

Modimo sepe le tlaa nna boopa,

molelo o tlaa laila megope

ya ba ba neo e e faposang tshiamo.

35Ba ithwala bosenyi,

ba tsala boikepo,

mpa ya bone e baakanya tsietso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help