ISAIA 26 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o tlaa abela batho ba gagwe phenyo

1Mo letsatsing leo sefela se, se tlaa opelwa mo lefatsheng la Juta, go twe:

Re na le motse o o thata;

Poloko o tlaa e tlhoma

gore e nne dithako le diphemelo.

2Bulang dikgoro

gore morafe o o siameng,

o o tshegetsang boammaaruri

o tsene.

3Ene yo pelo ya gagwe e ikaegileng

mo go wena,

o tlaa mo nnisa

mo kagisong e e tlhomameng;

ka a ikantse mo go wena.

4Ikanyeng mo go Jehofa

ka bosakhutleng;

gonne mo go MORENA JEHOFA

go na le lefika la bosaengkae.

5Gonne o folositse

ba ba agileng kwa godimo,

e bong motse o o kwa godimo;

o o beile kwa tlase,

a o baya mo mmung tota;

a o tlisa le mo loroleng fela.

6Lonao lo tlaa o gatakela tlase;

le tse e leng dinao tsa bahumanegi,

le dikgato tsa batlhoki.

7Tsamao ya mosiami ke thokgamo;

wena yo o thokgameng

o lolamisa tsela ya basiami.

8Ee, mo tsamaong ya dikatlholo

tsa gago Jehofa, re go letile;

keletso ya mewa ya rona

e mo leineng la gago,

le mo seregopodising sa gago.

9Ke go eleditse bosigo

ka mowa wa me; ee,

ka mowa wa me o o mo teng ga me

ke tlaa go senka ka maphakela;

gonne e a re fa ditshiamiso tsa gago

di le mo lefatsheng,

banni ba lefatshe ba tle

ba ithute tshiamo.

10Le fa go ka iwa ntlheng

ya moikepi,

le fa go ntse jalo

ga a ke a ithuta tshiamo;

mo lefatsheng la thokgamo

o tlaa nna a sokamisa fela,

a se ke a tlhokomele

borena jwa ga Jehofa.

11 Jehofa,

seatla sa gago se tsholeditswe,

le fa go ntse jalo ga ba bone;

le fa go ntse jalo

ba tlaa tla ba bona tlhoafalo ya gago

ka ga batho,

mme ba tlaa tlhajwa ke ditlhong;

ee, molelo o tlaa laila

baganetsi ba gago.

12Jehofa o tlaa re laolela kagiso,

gonne o re diretse le tsone

ditiro tsotlhe tsa rona.

13Jehofa, Modimo wa rona,

barena ba sele kwa ntle ga gago

ba ntse ba na le taolo mo go rona;

mme ke ka wena wesi

yo re tlaa umakang leina la gago.

14Bone ba sule,

ga ba ketla ba tshela;

ba nyeletse,

ga ba ketla ba tsoga;

ke gone ka moo o ba kgopholotseng

wa ba senya,

mme wa dira gore

go ba gakologelwa

go nyelelele ruri.

15O atisitse morafe Jehofa,

o atisitse morafe;

o galaleditswe;

o katositse melelwane yotlhe

ya lefatshe.

16Jehofa,

ba go batlile ba le mo tlalelong,

e rile kwatlhao ya gago e le

mo go bone

ba gorometsa morapelo.

17Jaaka mosadi yo o moimanyana

a atamela lobaka lwa gagwe

lwa go belega,

a le mo botlhokong,

mme a gwetla

ka metlotsedi ya gagwe;

le rona re ne re ntse jalo

fa pele ga gago, Jehofa.

18Re ne re ntse re le baimanyana,

re ntse jaaka e kete re belege

phefo fela;

ga re a dira kgololo epe

mo lefatsheng,

le gone ga go a tsalwa

banni ba lefatshe.

19 Baswi ba gago ba tlaa tshela;

ditoto tsa me di tlaa tsoga.

Tsogang lo eme, lo opele

lona ba lo agileng mo loroleng;

gonne monyo wa gago

o ntse jaaka monyo wa merogo,

mme lefatshe le tlaa tlhatsa

baswi ba lone.

Jehofa o tlaa golola Iseraele

20Ntlo, wena tšhaba ya me, o tsene mo matlonyaneng a gago, o itswalele mejako o le kwa teng; o iphitlhe ka lobaka lo lonnyennyane, go tsamaye kgakalo e fete.

21Gonne, bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, a tswela go beletsa banni ba lefatshe boikepo jwa bone; lefatshe le lone le tlaa senola madi a lone, mme ga le ketla le tlhola le bipa babolaiwa ba lone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help