PESALEMA 43 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya mofaladi

1A ko o nkatlhole Modimo,

o emele go seka ga me

mo morafeng o o sa reng Modimo

sepe;

a ko o nkgolole mo monneng wa

tsietso le yo o se nang tshiamo.

2Gonne ke wena Modimo

wa thata ya me; o ntatlhetseng?

Ke ka ntlha yang ke tsamaya

ke hutsafetse ka patiko ya mmaba?

3A ko o rome lesedi la gago

le boammaaruri jwa gago;

a di nkgoge;

di ntlise kwa thabaneng ya gago

e e boitshepo

le kwa metlaaganeng ya gago.

4Ke gone ke tlaa yang

kwa sebesong sa Modimo,

kwa Modimong,

o o leng boitumelo jwa me

jo bo feteletseng;

le ka harepe ke tlaa go baka

Modimo, Modimo wa me.

5O inametseng wena mowa wa me?

Mme o tlhodiegetseng

mo teng ga me?

Solofela fela mo Modimong;

gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka,

one o e leng thuso ya sefatlhogo

sa me le Modimo wa me.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help