ESEKIELE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Esekiele o tshwantsha Jerusalema a dikaganyeditswe ke ntwa

1“Le wena, morwa motho, o tseye lekote le le sematla, o le beye fa pele ga gago, mme o kwale tshawano ya motse mo go lone, e bong Jerusalema.

2O o tlhasele, o o agele dikago tsa tlhabanelo, o o tsosetse dimota; o bo o o tlhomele ditlhaolelo, mme o o emisetse dithubaganyi tse di thubang dithako ka ntlha tsotlhe.

3O tseye sematla sa tshipi; o se dire lorako lwa tshipi gare ga gago le motse; o lebe kwa go one, mme o tlaa tlhaselwa, mme o o tlhasele. Se, e tlaa nna sekao mo go ba ntlo ya Iseraele.

4“Gape o robale ka lotlhakore lwa gago lwa molema, mme o beye boikepo jwa ba ntlo ya Iseraele mo go lone; fela ka fa palong ya malatsi a o tlaa robalang mo go lone ka one, o tlaa bo o belega boikepo jwa bone jalo.

5Gonne ke laotse gore dinyaga tsa boikepo jwa bone e nne palo ya malatsi mo go wena, e bong malatsi a le 390; jalo o tlaa belega boikepo jwa ba ntlo ya Iseraele.

6Gape, o tlaa re o sena go wetsa ao, o robale ka lotlhakore lwa gago lwa le legolo, mme o tlaa belega boikepo jwa ba ntlo ya Juta; malatsi a le 40, letsatsi lengwe le lebaganye le ngwaga, ke go laoletse jalo.

7“O lebise sefatlhogo sa gago kwa tlhaselong ya Jerusalema, o apotse letsogo; mme o tlaa perofesa ka ga one o o nyatsa.

8Bona, ke tlaa baya dikgole mo go wena, mme ga o ketla o ipitikololela ka ntlha nngwe le nngwe, go tsamaye o swetse malatsi a tlhaselo ya gago.

9“Gape tsaya mabele a masesane, le barele, le dinawa, le ditloo, le mabele le lebelebele, o di tsenye mo sejaneng se le sengwe fela, o itirele senkgwe ka tsone; o tlaa se ja ka fa palong ya malatsi a o robalang ka one ka lotlhakore lwa gago, e bong malatsi a le 390.

10Dijo tsa gago tse o tlaa di jang di tlaa jewa ka selekanyo sa bokete, e bong dikerame di le 230 ka letsatsi; o tlaa di ja ka motlha le motlha.

11O nwe metsi ka selekanyo, ntlha ya borataro ya nkgwana e e lekanyang; o tlaa nwa ka motlha le motlha.

12O di je jaaka dipapetlana tsa barele, mme o di bese mo ponong ya bone ka maswe a a tswang mo mothong.”

13Jehofa a re: “Fela jalo bana ba Iseraele ba tlaa ja dijo tsa bone di le maswe, mo merafeng e ke tlaa ba lelekelang kwa go yone.”

14Foo ka bua, ka re: “Ao, Morena Modimo! bona, mowa wa me ga o ise o ko o leswefadiwe; gonne e sa le go tswa mo bokaung jwa me le gompieno ga ise nke ke je se se suleng fela, kgotsa se se gagotsweng ke dibatana; le gone ga go ise go ko go tsene nama e e makgapha mo ganong la me.”

15Foo a nthaya a re: “Bona, ke go neile dibi tsa kgomo mo boemong jwa maswe a motho, mme o tlaa baakanya dijo tsa gago ka tsone.”

16Gape a nthaya a re: “Morwa motho, bona, ke tlaa roba seikokotlelo sa dijo mo Jerusalema; mme ba tlaa ja dijo ka selekanyo sa bokete, le ka go ingoka; ba tlaa nwa metsi ka selekanyo le ka kgakgamalo;

17gore ba tle ba tlhoke dijo le metsi, le gore ba gakgamalane, mme ba tlhorege fela mo boikepong jwa bone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help