PESALEMA 73 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

KGAOGANO 3(DIPESALEMA 73 – 89)Katlholo ya Modimo ya tshiamoPesalema ya ga Asafe.

1Ruri Modimo o molemo

go Iseraele, e bong

go ba ba itshekileng mo pelong.

2Ka ga me,

dinao tsa me di batlile go ya,

dikgato tsa me tsa batla go relela.

3Gonne e rile ke bona

letlhogonolo la baitelaganyi

ka nna pelotshetlha

ka ga bone baikepi.

4Gonne ga go na dipitlagano

mo losong lwa bone;

mme thata ya bone e nitame fela.

5Ga ba mo tlalelong

jaaka batho ba bangwe;

le gone ga ba tshwenyege

jaaka batho ba bangwe.

6Ke gone ka mo

boikgodiso bo ba rarileng

jaaka dibaga mo thamong;

go thubaka go ba apesitse

jaaka kobo.

7Matlho a bone

a rotologile ka monono;

ba na le mo go fetang

keletso ya pelo.

8Ba a sotla mme ba bue patiko

ba le mo bosuleng;

ba bue ka boikgantsho.

9Ba nyunyubetsa magodimo;

loleme lwa bone lo ralale lefatshe.

10Ke gone ka moo batho ba ga gabo

ba tleng ba boele fa;

mme metsi a senwelo se se tletseng

a gopiwe ke bone.

11Mme ba re:

“Modimo o itse jang?

A go na le kitso

mo go Mogodimodimo?”

12Bona, bao ke bone baikepi;

e re ka ba ntse ba le mo boiketlong

ka metlha yotlhe,

boo ba totelwa ke dikhumo.

13Ruri ke ntlafaleditse pelo ya me

lefela,

ka ba ka tlhapa diatla tsa me

mo go se nang molato;

14gonne ke ntse ke tshwenyega

ka letsatsi lotlhe,

ka otlhaiwa ka meso yotlhe.

15Fa nkabo ke rile:

“Ke tlaa bua jalo;”

bona, nka bo ke diretse bana ba

losika lwa gago ka boferefere.

16E rile ke akanya gore

goo mo nka go itse jang,

ga nna tapiso e e botlhoko

mo go nna;

17ka tla ka tsamaya ka tsena

mo felong ga boitshepo ga Modimo,

mme ka akanya bofelelo

jwa bone.

18Ruri o ba baya mo mareleding;

o ba digela mo tshenyegong.

19Ana ba kile ba senyega jang

ka ponyo ya leitlho fela!

Ba jegetse ruri ka ditherego.

20Jaaka toro fa motho a kubuga;

le wena Morena, fa o kubuga,

o tlaa nyatsa setshwano sa bone jalo.

21Gonne pelo ya me

e ne e le botlhoko,

mme ka tlhajwatlhajwa

mo diphilong tsa me;

22ka bo ke le popego ya sefolofolo fela

mo go ntseng jaana, ke se na kitso;

ka nna jaaka phologolo fela

fa pele ga gago.

23Le fa go ntse jalo

ke ntse ke na nao ka metlha yotlhe;

o ntse o tshwere seatla sa me

se segolo.

24O tlaa nketelela pele

ka kgakololo ya gago,

morago o tlaa nkamogela

mo kgalalelong.

25Ke na le mang kwa legodimong

fa e se wena?

Le mo lefatsheng ga go na ope

yo ke mo eletsang fa e se wena.

26Nama ya me e a fela, le pelo ya me;

Modimo ke thata ya pelo ya me,

le kabelo ya me ka bosakhutleng.

27Gonne, bona ba ba leng kgakala nao

ba tlaa nyelela;

o sentse botlhe ba ba go tlogelang

ba ya boakeng.

28Mo go nna go molemo

go atamela Modimo;

ke dirile Morena Modimo

botshabelo jwa me,

gore ke tle ke bolele

ka ga ditiro tsa gago

tsotlhe fela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help