PESALEMA 50 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tirelo Modimo ya boamaaruriPesalema ya ga Asafe.

1Modimo, o e leng Modimo,

e bong Jehofa, o buile,

o biditse lefatshe,

go tswa botlhabatsatsi le

go ya bophirima jwa lone.

2Modimo o phatsimile o le mo Sione

o o bontle jo bo tletseng.

3Modimo wa rona o tlaa tla,

mme ga o ketla o didimala;

molelo o tlaa laila fa pele ga one.

Mme go tlaa nna ledimo le legolo

tikologong ya one.

4O tlaa bitsa magodimo

kwa godimo, le lefatshe,

gore o tle o atlhole batho ba one.

O tlaa re:

5“Phuthelang baitshepi ba me

kwa go nna; ba ba dirileng

kgolagano le nna ka setlhabelo.”

6Mme magodimo a tlaa kakanya

tshiamo ya one, gonne

Modimo ke moatlhodi ka osi. Sela.

7“Utlwang batho ba me, ke tlaa bua;

wena Iseraele, ke tlaa supa

ka ga gago; ke nna Modimo,

o ke leng Modimo wa gago.

8Ga nketla ke go omanya

ka ntlha ya ditlhabelo tsa gago;

ditshupelo tsa gago tse di fisiwang

di ntse di le fa pele ga me ka gale.

9Ga nketla ke tsaya kgomo epe

mo ntlong ya gago,

le fa e le dipodi tse ditona

mo marakaneng a gago.

10Gonne setshedi sengwe le sengwe

sa sekgwa ke sa me,

le dikgomo tse di nnang

mo dithabeng

tse di makgolo a le some.

11Dinonyane tsotlhe tsa dithaba,

ke a di itse;

le diphologolo tsa naga ke tsa me.

12Fa nkabo ke bolawa ke tlala,

ke ne ke sa ka ke ka bolelela wena;

gonne lobopo ke lwa me,

le bojotlhe jwa lone.

13A ke a bo ke tlaa ja dinama tsa

dipoo le fa e le

go nwa madi a dipodi?

14Isetsa Modimo setlhabelo

sa go leboga; o bo o lefele

Mogodimodimo maikano a gago.

15E re mo letsatsing la tlalelo

o mpitse; ke tlaa go golola

mme o tlaa nkgalaletsa.”

16Mme moikepi,

Modimo o mo raya o re:

“Wena, o dirang ka go bolela melao

ya me, fa e bo ne ne fano

o tsere kgolagano ya me

mo molomong wa gago?

17Ka e le fa o ila thuto,

le mafoko a me o a latlhela

kwa morago ga gago.

18E rile o bona legodu wa le dumelela,

mme o ntse wa tlhakanela tiro

le baakafadi.

19O naya molomo wa gago bosula;

le loleme lwa gago

lo baakanya tsietso.

20O a tle o dule o sebe

ngwana wa ga rraago; o pateletse

ngwana wa ga mmaago tota.

21Dilo tse o di dirile,

mme ka didimala fela;

wa itlhoma gore ke tshwana nao

fela, mme ke tlaa go kgalemela,

ke di rulaganya

fa pele ga matlho a gago.

22Jaana elelelwang mo,

lona ba lo lebalang Modimo,

nka tla ka lo gagoganya,

mme ga se ka ga nna ope

yo o tlaa gololang;

23le fa e le mang yo o isang setlhabelo

sa go ntsha malebogo,

o a nkgalaletsa;

mme ene yo o rulaganyang

go tshela ga gagwe sentle

ke tlaa mo supetsa poloka

ya Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help