2 SAMUELE 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Abesalome o a fenngwa a ba a bolawa

1Dafite a bala batho ba o nang nabo, mme a tlhoma balaodi ba makgolo a makgolo, le balaodi ba makgolo mo go bone.

2Dafite a bolotsa batho ba le dikabo di le tharo: kabo nngwe e laolwa ke Joabe, kabo e nngwe ya laolwa ke Abišai morwa Seruja, monnaa Joabe, kabo e nnge ya laolwa ke Itai wa Mogite. Kgosi ya raya batho ya re: “Ruri le nna ke tlaa bolola le lona.”

3Mme batho ba re: “Ga o bolole, gonne e tlaa re fa re tshaba, ga ba ketla ba re sepe ka rona; le fa re ka a swa bontlha e nngwe ga ba ketla ba re sepe ka rona; mme wena o kana ka batho ba ba 10 000 ba rona; jaana go molemo bogolo wa bo o iketleeditse go re thusa o le mo motseng.”

4Kgosi ya ba raya ya re: “Se lona lo se bonang se le molemo bogolo, ke tlaa se dira.” Kgosi ya ema fa kgorong, mme batho botlhe ba tswa ka makgolo le ka makgolo a masome.

5Kgosi ya laola Joabe le Abišai le Itai ya re: “Lo mamaisetse lekau leo, e bong Abesalome ka ntlha ya me.” Batho botlhe ba utlwa jaaka kgosi e laela balaodi botlhe ka ga Abesalome.

6Batho ba bololela Baiseraele kwa nageng; mme ga tlhabanelwa mo sekgweng sa Eferaime.

7Batho ba Iseraele ba lotlelwa gone fa pele ga batlhanka ba ga Dafite, mme ga nna polao e kgolo gone ka tsatsi leo, ya batho ba le 20 000.

8Gonne tlhabano e ne e anametse gone mo lefatsheng lotlhe; mme sekgwa sa nyeletsa batho ba le bantsi ka tsatsi leo bogolo go ba ba nyeleditsweng ke tšhaka.

9Abesalome a tshogana ka a kopana le batlhanka ba ga Dafite. Abesalome a bo a palame mmoulo wa gagwe, mmoulo wa huhumela dikala tse ditona tsa mooka o motona, tlhogo ya gagwe ya tshwarwa ke mooka, a lepelediwa gare ga legodimo le lefatshe; mmoulo o o fa tlase ga gagwe wa tsamaela pele.

10Monna mongwe a bona, a bolelela Joabe a re: “Bona, ke bonye Abesalome a akgega mo mookeng.”

11Joabe a raya monna yo o mmoleletseng a re: “Bona, o go bonye, ke ka ntlha yang o se ka wa mo otlelela gone mo mmung? Ke ne ke tlaa go naya dipapetlana tsa selefera di le some, le moitlamo.”

12Monna yoo a raya Joabe a re: “Le fa ke ne ke ka bo ke amogela dipapetlana tsa selefera di le makgolo a le some mo atleng sa me, le fa go ntse jalo ke ne ke sa ka ke ka ntshetsa morwa kgosi seatla sa me; gonne mo kutlong ya rona kgosi e laetse wena le Abišai le Itai ya re: ‘Lo itise gore ope a se ka a ama lekau leo, e bong Abesalome.’

13Fa nka bo ke ne ke dirile ka boferefere ka ga botshelo jwa gagwe, kaitse ga go na sepe se se lobelwang kgosi, foo le wena tota o ne o tlaa ntswa.”

14Foo Joabe a re: “Ga ke na go diega nao jaana.” A tsaya diputlela di le tharo, a ya a phololetsa pelo ya ga Abesalome ka tsone, a sa ntse a tshedile a le mo gare ga mooka.

15Makau a le some a a tshotseng dibolao tsa ga Joabe a hula Abesalome, a mo otlela, a mmolaya.

16Joabe a letsa lonaka, mme batho ba boa kwa go konateleleng Baiseraele; ka Joabe a rekegela batho.

17Ba tsaya Abesalome, ba mo latlhela mo lehuting le legolo mo sekgweng, ba koela mokoa o mogolo wa maje mo godimo ga gagwe; Baiseraele botlhe ba tshaba, mongwe le mongwe a ya mogopeng wa gagwe.

18Jaana ya bo e rile mo botshelong jwa gagwe Abesalome a bo a tlogile a ikagela sefikantswe se se motloutlo, se se mo mogogorong wa kgosi; gonne a re: “Ga ke na ngwana wa mosimane wa go nna segopodiso sa leina la me;” a raya sefikantswe seo leina la gagwe, se bidiwa sefikantswe sa ga Abesalome le gompieno.

Dafite o itsisiwe ka ga loso lwa ga Abesalome

19Foo Ahimaase morwa Satoke a re: “Mma ke siane, ke ise mafoko kwa kgosing, a jaaka Jehofa a e busoloseditse mo babeng ba yone.”

20Mme Joabe a mo raya a re: “Ga o ketla o nna moisamafoko gompeino, o tlaa isa mafoko ka letsatsi le sele; gompieno ga o ise mafoko ape, gonne morwa kgosi o sule.”

21Foo Joabe a raya motho wa Mokuše a re: “Ya o bolelele kgosi se o se bonyeng.” Motho wa Mokuše a ikobela Joabe, a siana.

22Foo Ahimaase morwa Satoke a raya Joabe gape a re: “Le fa go ka nna ka fa go nnang ka gone fela, ke a go rapela, o mme ke siane morago ga motho wa Mokuše.” Joabe a re: “O rata go siana ka ntlha yang morwaaka, ka o se ketla o bona tuelo epe ka mafoko a gago?”

23Mme a re: “Le fa go ka nna ka fa go ka nnang ka gone, ke tlaa siana fela.” Mme a mo raya a re: “Siana.” Foo Ahimaase a siana ka tsela ya Lobala, mme a sia motho wa Mokuše.

24Jaana Dafite a bo a dutse fa gare ga dikgoro tse pedi tsa motse, molebeledi a palama ditlhomeso tsa kgoro a ya kwa lorakong, a tsholetsa matlho a leba, mme bonang, monna a bo a siana a le esi.

25Molebeledi a kua a bolelela kgosi, mme kgosi ya re: “Fa a le esi o na le mafoko.” A tla fela, a atamela.

26Molebedi a bona monna yo mongwe a siana; molebedi a tlhaeletsa kwa mmuding wa setswalo a re: “Bona, monna yo mongwe o tla a sianye a le esi.” Kgosi ya re: “Le ene o tla le mafoko.”

27Molebedi a re: “Ekete tshiano ya wa pele e tshwana le tshiano ya ga Ahimaase morwa Satoke.” Kgosi ya re: “Ene ke monna yo o molemo, o a ba a tla le mafoko a a molemo.”

28Ahimaase a kua, a raya kgosi a re: “Go siame gotlhe.” A ikobela fa fatshe ka sefatlhogo fa pele ga kgosi, a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa gago, yo o tsentseng mo seatleng sa gago batho ba ba neng ba tsholeletsa kgosi morena wa me letsogo la bone.”

29Kgosi ya re: “A lekau Abesalome le tsogile sentle?” Mme Ahimaase a fetola a re: “E rile Joabe a roma motlhanka wa kgosi, e bong nna motlhanka wa gago, ka bona khuduego e kgolo, ga ke itse go re, e ne e le eng.”

30Kgosi ya re: “Fetela fa thoko, o eme fa.” A fetela fa thoko, a ema a didimetsa fela.

31Mme bonang, motho wa Mokuše a tla; motho wa Mokuše a re: “Go na le mafoko a kgosi morena wa me; gonne gompieno Jehofa o go busoloseditse mo go bone botlhe ba ba neng ba go tsogologetse.”

32Kgosi ya raya motho wa Mokuše ya re: “A lekau Abesalome le tsogile sentle?” Motho wa Mokuše a e fetola a re: “Baba ba kgosi morena wa me, le botlhe ba ba go tsogologelang go go utlwisa botlhoko, a ba nne jaaka lekau leo.”

33Kgosi ya huduega thata, ya palamela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, ya lela; ya re e tsamaya, ya bua jaana ya re: “Abesalome, morwaake wee! Abesalome, morwaake wee! A bo ke ka bo ke go swetse, Abesalome, morwaake wee! morwaake wee!”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help