JOBE 35 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu

1Gape Elihu a fela a fetola, a re:

2“A o gopola go re

se ke tshiamelo ya gago,

kgotsa o ithaya o re:

‘Tshiamo ya me e feta ya Modimo,’

3fa e bo ne ne o re:

‘Go tlaa nthusang?’

Gape wa re:

‘Ke tlaa bona eng

bogolo go fa nka bo ke leofile?’

4Ke tlaa go fetola,

le bankana ba gago nao.

5Lelalela magodimong, o bone;

leba loapi lo lo godimo

bogolo go wena.

6 Fa o leofile o a bo o o direla eng?

Fa ditlolo tsa gago di ntsifetse,

o a bo o o dirang?

7Fa o le tshiamo,

o a bo o o naya eng? Kgotsa:

O a bo o amogelang mo seatleng

sa gago?

8Bosula jwa gago

bo ka utlwisa motho

yo o tshwanang nao botlhoko;

tshiamo ya gago

e ka thusa mongwe morwa motho.

9“Batho ba tle ba bokolele

ka ntlha ya bontsi jwa dipatiko;

ba goelele thuso

ka ntlha ya letsogo la ba ba thata.

10Mme go bo go se na ope yo o reng:

‘O kae Modimo Modiri wa me,

o o opedisang batho bosigo,

11o o re rutang

bogolo go diphologolo tsa lefatshe,

o re tlhaletsha bogolo go dinonyane

tsa loapi?’

12Foo ba goe,

mme ga go arabe ope,

ka ntlha ya boikgodiso

jwa batho ba ba bosula.

13Ruri Modimo o a bo o se ketla

o utlwa boithamako,

le gone Mothatayotlhe

ga a ketla a bo tlhokomela.

14Bogolo jang ga o ketla o utlwa

fa o re ga o o bone,

mafoko a a sekwang

a fa pele ga one, mme o o letile.

15Mme jaanong, ka o se ka wa lefetsa

ka bogale jwa one,

le gone ka o sa tlhokomele

boitelaganyo bobe;

16ke gone ka moo Jobe o tumololang

molomo wa gagwe ka boithamako;

o ntsifatsa mafoko a se na kitso.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help