JOBE 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puisanyo ya ntlha ya ga Jobe le ditsala tsa gagwe Elifase

1Foo ga fetola Elifase wa Motemane, a re:

2“Fa motho a leka go bua nao,

a o tlaa nna pelo e botlhoko?

Mme e mang yo o ka ithibang

mo go bueng?

3Bona, o rutile batho ba le bantsi,

o thatafaditse diatla tse di bokoa.

4Mafoko a gago a emisitse

yo o ne a kgokgweetsega,

le mangole a a obegang

o a nonotshitse.

5Mme jaanong se tsile mo go wena,

mme o a idibala;

se a go ama, mme o a huduega.

6A go boifa Modimo ga gago

ga se gone boikanyo jwa gago,

le bosenang molato

jwa ditsela tsa gago,

a ga se jone tsholofelo ya gago?

7“Ke a go rapela,

o tle o gakologelwe gore

e mang yo o kileng a nyelela

a se na molato?

Kgotsa bathokgami

ba kile ba kgaolwa kae?

8Ka fa nna ke bonyeng ka teng,

ke go re: ba ba lemang boikepo,

ba jala bosenyi,

ba tle ba robe jone fela.

9Ba tle ba nyelediwe

ke go hema ga Modimo,

ba lailwe ke tsubutlo

ya bogale jwa one.

10Go duma ga tau,

le kodu ya tau e e bogale,

le meno a ditawana,

go robegile.

11Tau e kgolo e tle e bopame

ka go tlhoka phologolo,

le bana ba tau e namagadi

ba phatlalale.

12“Jaana ka sebediwa sengwe,

ka longwa tsebe ka ga sone.

13 E rile mo megopolong e e tswang

mo diponatshegelong tsa bosigo,

motlhang boroko jo bogolo

bo tshwereng batho,

14poifo ya nkwela, le thoromo,

e e neng ya roromisa marapo

a me otlhe fela.

15Foo sedimo sengwe sa feta

fa pele ga sefatlhogo sa me,

nama ya me ya tlhonya bobowa.

16Sa ema, mme ke se ka ka lemoga

ponalo ya sone;

ga bo go le sebopego

fa pele ga matlho a me,

go tuuletse fela,

mme ka utlwa lentswe le re:

17‘A motho yo o swang o ka

nna tshiamo bogolo go Modimo?

A monna o ka itsheka

bogolo go Modiri wa gagwe?

18Bona, ga o ikanye batlhanka ba one;

le baengele ba one

o tle o ba neye molato wa boeleele.

19Bogolo jang bone

ba ba agileng mo matlong a seretse,

a motheo wa one

o leng mo loroleng,

a phatlakanngwa jaaka serurubele.

20Gare ga moso le maitsebowa

ba tle ba senngwe,

ba swele ruri,

ba sa tlhokomelwe ke ope.

21A megala ya megope ya bone

ga e tlhomolwe mo teng ga bone?

Ba swe, e bile e le

mo go se nang botlhale.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help