JOBE 33 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu

1“Le fa go ntse jalo wena Jobe,

ke a go rapela,

utlwa puo ya me,

o reetse mafoko a me otlhe.

2Bona jaana, ke tumolotse molomo

wa me, loleme lwa me

lo buile mo ganong la me.

3Mantswe a me a tlaa kakanya

thokgamo ya pelo ya me;

se dipounama tsa me di se itseng

di tlaa se bua ka bophepa.

4Mowa wa Modimo o ntirile,

go budula ga Mothatayotlhe

go a ntshedisa.

5Fa o nonofile, o tle o mphetole;

o rulaganye mafoko a gago;

ema fa pele ga me!

6Bona, nna ke ntlheng ya Modimo,

fela jaaka wena;

le nna ke bopilwe ka letsopa.

7Bona, theregiso ya me

ga e ketla e go boifisa,

le gone ga o ketla o imelesega

ka kgatelelo ya me.

8“Ruri o buile mo kutlong ya me,

ke utlwile lentswe la mafoko a gago,

wa re:

9‘Ke itshekile, ke se na tlolo;

ke phepa fela, le gone

ga go na boikepo mo go nna.

10Bona, o bona dikgopi mo go nna,

o nkaya go re ke mmaba wa one;

11 o tsenya dinao tsa me mo disaneng,

o tlhokometse ditselana tsotlhe

tsa me.’

12Bona, ke tlaa go fetola mo go se,

ga o a siama;

gonne Modimo o mogolo

bogolo go motho.

13Ana o ganelelang le one,

gonne ga o ke o ipolelela mo dilong

dipe tsa one?

14Gonne Modimo o bua gangwe fela,

ee gabedi,

le fa motho a sa go tlhokomele.

15 E re mo torong,

mo ponatshegelong ya bosigo,

fa thulamelo e kgolo e wela batho

mo borokong mo bolaong;

16foo o kabolole batho ditsebe,

o kanele thuto mo go tsone.

17Gore o tlose motho

mo boikaelelong jwa gagwe,

le go subela motho boikgodiso;

18o thiba mowa wa gagwe,

gore o se ye mo moleteng,

le botshelo jwa gagwe

gore a se swe ka tšhaka.

19Le gone o otlhaiwa ka bolwetse

mo bolaong jwa gagwe,

le ka tlhatlharo e e sa khutleng

mo marapong a gagwe;

20jalo botshelo jwa gagwe boo

bo tle bo tenwe ke dijo,

le mowa wa gagwe

ke dijo tse di metsegang.

21Nama ya gagwe e tlhorege,

ga e kake ya bonwa;

marapo a gagwe

a a neng a sa bonwe

a bile a tswetse kwa ntle.

22Ee, mowa wa gagwe o atamela

kwa moleteng,

le botshelo jwa gagwe

kwa disenying.

23Fa go na le moengele mongwe nae,

e le mophutholodi, e le motho a le

mongwe fela mo go ba ba sekete,

gore a kaele motho

se se mo siametseng;

24foo o nna pelotshweu kwa go ene,

mme o re: ‘Mo golole,

gore a se ka a fologela mo moleteng,

ke bonye thekololo.’

25Nama ya gagwe e tlaa šafala

bogolo go ya ngwanyana,

o tlaa boela mo malatsing

a bokau jwa gagwe.

26A rapele Modimo,

mme o nne pelotshweu kwa go ene;

a ba a tle a bone

sefatlhogo sa one ka boitumelo;

o rebolele motho tshiamo ya

gagwe.

27A opele fa pele ga batho, a re:

‘Ke leofile,

ka sokamisa sone se se siameng,

mme go se ka ga nthusa sepe.

28O rekolotse mowa wa me

gore o se ye mo moleteng,

botshelo jwa me

bo tlaa bona lesedi.’

29Bona, dilo tsotlhe tse Modimo o a

di dira, o di direla motho gabedi,

ee, gararo.

30Go busa mowa wa gagwe

mo moleteng, gore a sedifadiwe

ka lesedi la batshedi.

31Jobe, o tlhokomele thata,

o ntheetse;

didimala mme ke tlaa bua.

32Fa o na le sengwe se o se buang

o mphetole;

bua, gonne ke rata go go siamisa.

33Fa go sa nna jalo, o reetse nna;

didimala,

mme ke tlaa go ruta botlhale.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help