DIANE 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.

2Seeleele ga se na kgatlhego mo tlhaloganyong, fa e se gore pelo ya sone e tle e itshenole fela.

3Motlhang moikepi o tlang, foo go tle le lone lonyatso, le botlhabisa ditlhong bo tle le kgobo.

4Mafoko a molomo wa monna a ntse jaaka metsi a a boteng, motswedi wa botlhale o ntse jaaka nokana e e elelang.

5Ga go molemo go gobela sebele sa moikepi, le fa e le go faposa mosiami mo katlholong.

6Dipounama tsa seeleele di tsena mo kgannyeng le molomo wa sone o ipiletsa dithupa.

7Molomo wa seeleele ke tshenyego ya sone, le dipounama tsa sone ke seru sa mowa wa sone.

8Mafoko a mosebi a ntse jaaka dijo tse di akolwang, mme a fologele kwa tengteng ga mpa.

9Le ene yo o bolealea mo tirong, ke ngwana wa ga rraagwe mosenyi.

10Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.

11Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, e bile ke lorako lo lo godileng mo kgopolong ya gagwe.

12E tle e re pele ga tshenyego pelo ya motho e ipege, mme boikokobetso bo etelele tlotlego pele.

13Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.

14Pelo ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe; mme mowa o o phatlogileng o ka kakatlololwa e mang?

15Pelo ya yo o senokopela e bapala kitso, le tsebe ya yo o tlhalefileng e batla kitso.

16Neo ya motho e tle e mo fenosetse bonno, mme e mo ise fa pele ga batho ba bagolo.

17Yo o ipuelelang pele o ntse jaaka ekete o siame, mme wa ga gabo a tle a mo kheleisetse ruri.

18Bola bo tle bo khutlise dikgang, bo bo bo kgaoganye bathata.

19Ngwana wa rra motho fa a kgopilwe o ba a le thata go fenngwa bogolo go motse o o thata, mme dikgang tse di ntseng jalo di ntse jaaka mephakalego ya kago e e dithako di thata.

20Mpa ya motho e tlaa tladiwa ka loungo lwa molomo wa gagwe; o tlaa kgorisiwa ka totafalo ya dipounama tsa gagwe.

21Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.

22Yo o tsayang mosadi, o bona se se molemo, o ba a bona botsalano mo go Jehofa.

23Mohumanegi o tle a bue ka dithapelo, mme mohumi ene o fetola ka bopelompe.

24Yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya, mme go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help