1Jehofa, ke goetse koo
go wena; a ko o nkakofele;
sekegela lentswe la me tsebe
mogang ke go bitsang.
2 A morapelo wa me o rangwe
fa pele ga gago jaaka maswalo;
go tsholediwa ga diatla tsa me
e nne jaaka setlhabelo sa
maitsebowa.
3Jehofa a ko o beye tebelo
fa pele ga molomo wa me;
disa setswalo sa dipounama tsa me.
4O se ka wa sokololela pelo ya me
kwa go sepe se se bosula go tla
e dira ditiro tsa tshiamololo
le banna ba ba dirang boikepo;
mme a nke ke se ka ka akola nabo
ka tse di metsegang tsa bone.
5A mosiami a ntiteye,
e tlaa bo e le pelonomi fela;
a nkomanye,
e tlaa bo e le jaaka fa lookwane
lo thelwa mo tlhogong ya me;
a tlhogo ya me e se lo gane;
gonne le mo boikepong jwa bone,
morapelo wa me
o tlaa tswelelela pele fela.
6Fa baatlhodi ba bone
ba digelwa ka fa mapaweng,
ba tlaa utlwa mafoko a me
fa a le monate.
7Jaaka fa motho a lema
a fatola mmu,
marapo a rona a gasame
fa mojakong wa phupu.
8Gonne matlho a me
a koo go wena Modimo, Morena;
ke ikanya mo go wena;
se tlogele mowa wa me
o iphotlhere fela.
9Ntibela mo mutlwaneng o ba o
mpeetseng, le mo dirung
tsa ba ba dirang boikepo.
10A baikepi ba wele
mo ditloeng tsa bone ka bosi,
ka nna ke falola fela ba le foo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
