BAHEBERE 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o buile ka Morwa wa one

1Modimo, o e rileng ka o buile le borara mo metlheng ya bogologolo ka baperofeti, ka mafoko mangwe le mangwe, le ka mekgwa mengwe le mengwe,

2o buile le rona mo bokhutlong jwa metlha eno ka Morwa one, yo o mmeileng morui wa dilo tsotlhe, yo o bileng wa dira dipopo ka ene;

3yo e reng ka e le ene marang a kgalalelo ya one, le setshwano ka sebele sa Bomodimo jwa one, a bile a tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la nonofo ya gagwe; ka re, e rile a sena go dira bontlafatso jwa dibe, a dula ka fa letsogong le legolo la Borena kwa godimodimo.

Bogolo jwa Morwa Modimo

4O diregile mogolo go feta baengele, fela jaaka a ruile leina le le gaisang la bone.

5 Gonne o kile wa raya ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re:

“O Morwaake,

ke go tsetse gompieno”?

Gape, “Ke tlaa nna Rraagwe,

Mme ene o tlaa nna Morwaake”?

6 Gape ya re o tlisa motsalwapele wa one mo lefatsheng wa re:

“A baengele botlhe ba Modimo

ba mo obamele.”

7 Ka ga baengele o buile wa re:

“O dira baengele ba one diphefo,

le badiredi ba one

kgabo ya molelo.”

8 Mme ka ga Morwa one o buile, wa re:

“Setulo sa gago sa bogosi,

Modimo, se ntse ka bosakhutleng

le ka bosaengkae;

tsamma ya thokgamo ke yone

tsamma ya bogosi jwa gago.

9O ratile tshiamo

mme wa ila boikepo;

ke gone Modimo,

Modimo wa gago,

o go tloditseng ka lookwane

lwa boitumelo

godimo ga bankana ba gago.”

10 Gape:

“Wena Morena,

e rile mo tshimologong

wa thaya motheo wa lefatshe,

mme magodimo

ke ditiro tsa diatla tsa gago;

11tsone di tlaa nyelela,

mme wena o nnetse ruri;

tsone tsotlhe di tlaa onala

jaaka seaparo;

12mme o tlaa di mena jaaka morepo,

jaaka seaparo, mme di tlaa fetolwa;

mme wena o bo o ntse

jaaka o ntse fela,

dinyaga tsa gago ga di ketla di fela.”

13 O kile wa bua ka ga ofe wa baengele ka lobaka longwe wa re:

“Dula ka fa letsogong la me

le legolo,

ke tle ke tsamaye ke dire baba

ba gago

sebeo sa dinao tsa gago”?

14Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e rongwang mo tirong ka ntlha ya ba ba tlaa ruang poloko?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help