DIANE 20 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Bojalwa jwa mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loileng ke phokelelo; le fa e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale.

2Poitsho ya kgosi e ntse jaaka go kgorotlha ga tau; yo o e gakatsang o iteofela botshelo jwa gagwe.

3Ke tlotlo mo mothong go iphapha mo kgannyeng; mme lesilo lengwe le lengwe le tle le itlhakanye le komang fela.

4Serorobe se tle se gane go lema ka gobo go le mariga, ke gone ka moo e tlaa reng go rojwa o tlaa kopa, mme o tlaa bo a sa bone sepe.

5Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.

6Bontsi jwa batho bo tle bo ipolele mongwe le mongwe bopelonomi jwa gagwe; monna yo o boikanngo ene o ka bonwa ke mang?

7Mosiami yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, go sego bana ba gagwe morago ga gagwe.

8Kgosi e e dutseng mo setulong sa bogosi sa katlholelo, e feferela koo bosula jotlhe ka matlho a yone.

9E mang yo o ka reng: “Ke ntlafaditse pelo ya me, ke itshekile mo boleong jwa me”?

10Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng, le dielo tse di fapaanang, tsotlhe tsoo pedi ke sefedisapelo mo go Jehofa.

11Le e leng ngwanyana o tle a itshenole ka ditiro tsa gagwe, bo tiro ya gagwe e ntle, le go re a e siame.

12Tsebe e e utlwang, le leitlho le le bonang, Jehofa o di dirile tsotlhe fela.

13Se rate boroko, o ka tla wa humanega; buduloga, mme o tlaa kgora dijo.

14Moreki o a tle a re: “Ga se sepe, ga se sepe,” mme fa a tsamaile foo a ipelafatse.

15Go na le gouta le letlotlo la diperela, mme dipounama tsa kitso ke lentswana le le tlhokegang.

16Tsaya seaparo sa yo o leng moemedi wa moeng, mme o tseye peelelo ene yo e leng moemedi wa baeng.

17Senkgwe sa tsietso se monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlale makgabana.

18Boikaelelo bongwe le bongwe bo tlhomamisiwa ke kgakololano, mme o epe dira ka go gogwa ke botlhale.

19Yo o nalanalang e le mosebetsi o senola maoma; mme ke gone o se ka wa itlhakanya le yo o momololang dipounama tsa gagwe thata.

20Le fa e le mang yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tlaa tingwa mo lefifing le lentshontsho.

21Boswa e ka re gongwe bo ka bonwa ka potlako mo tshimologong, mme bokhutlo jwa jone ga bo ketla bo segofala.

22O se ka wa re: “Ke tlaa lefetsa bosula;” o lebelele mo go Jehofa, mme o tlaa go boloka.

23Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng ke sefedisapelo mo go Jehofa; le selekanyo sa pego sa tsietso ga se molemo.

24Metsamao ya motho e tswa mo go Jehofa; mme foo motho o ka itlhaloganya tsela ya gagwe jang?

25Ke seru mo mothong go bua ka go phomela, a re: “Selo se boitshepo,” mme ya re a sena go ikana a itse go botsisa.

26Kgosi e e botlhale e tle e fefere baikepi, mme e tsamaise lekoto le le sedikologi le le folang mabele godimo ga bone.

27Mowa wa motho ke lobone lwa ga Jehofa, lo lo kheleisang matengteng otlhe a mpa.

28Boutlwelobotlhoko le boammaaruri di tlamela kgosi, setulo sa yone sa bogosi se tshegediwa ke boutlwelobotlhoko.

29Kgalalelo ya makau ke thata ya one, mme bontle jwa bannabagolo ke tlhogo e pududu.

30Dithupa tse di ntshang dintho di a ntlafatsa di tlosa bosula, le dinteo di ya go kheleisa matengteng a mpa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help