BAROMA 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sesupo ka ga Aberahame le tumelo ya gagwe

1Jaana re tlaa re Aberahame rraetsho ka fa nameng o bonye eng?

2Gonne fa Aberahame a na a siamisiwa ka ditiro, o na le se o ka ikgantshang ka sone; mme e be e se fa pele ga Modimo.

3 Gonne lokwalo lwa reng? Lwa re: “Aberahame a dumela Modimo, mme a go balelwa tshiamo.”

4Jaana mo go ene yo o dirang, tumelo ga e ke e kaiwa go re ke mpho, fa e se go re, ke molato fela o o tshwanetseng go lefiwa.

5Mo go ene yo o sa direng, mme a dumela mo go ene yo o siamisang moleofi, tumelo ya gagwe yone, e kaiwa fa e le tshiamo.

6Jaaka le ene Dafite a rile:

“Go sego motho

yo Modimo o mmalelang tshiamo

kwa ntle ga ditiro;”

a ba a re:

7 “Go sego ba maleo a bone

a itshwaretsweng,

le ba dibe tsa bone di bipilweng.

8Go sego motho

yo Morena o se ketlang a mmalela

boleo gope.”

9Jaana lesego le, a le bolelwa fa e le la ba ba rupileng, kgotsa le gone la ba ba sa rupang? Gonne ra re: Mo go Aberahame tumelo ya gagwe e ne ya kaiwa fa e le tshiamo.

10E kailwe jang? A ke a sena go rupa, kgotsa a ise a rupe? Ga se a rupile, ke a ise a rupe;

11 mme a tshola sekao sa thupo, e le lotshwao lwa tshiamo ya tumelo, e o ne a na nayo a ise a rupe; gore a tle a nne rra botlhe ba ba dumelang, le fa ba sa rupa, gore tshiamo e balelwe kwa go bone;

12le gore a nne rraabo ba ba rupileng, e seng ke go rupa go le gosi, e bile e le ka gobo ba sepela mo motlhaleng wa tumelo ya ga rraetsho Aberahame, e o ne a na nayo a ise a rupe.

Tsholofetso e bonwa ka tumelo

13 Gonne polelo ya tsholofetso e e neilweng Aberahame le losika lwa gagwe ya go re o tlaa nna moruaboswa wa lefatshe, o ne a sa e newa ka fa molaong, mme e le ka fa tshiamong ya tumelo.

14 Gonne e ka re fa ba e leng ba molao e le baruaboswa, tumelo e dirilwe lefela, le polelo ya tsholofetso e be e se na thuso;

15gonne molao o tsosa bogale; mme kwa go se nang molao, le tlolo le yone ga e yo.

16 Ke gone ka moo gotlhe go emeng ka fa tumelong, gore go nne ka fa tshegofatsong, gore polelo ya tsholofetso e tle e tlhomamele losika lotlhe; e seng lone loso lo e leng lwa molao, mme le lone lo e leng lwa tumelo ya ga Aberahame, yo e leng rraarona rotlhe,

17 fa pele ga one o ene o o dumetseng, e bong Modimo o o rudisang baswi, mme o bitse dilo tse di seyong, jaaka e kete ke dilo tse di leyong; jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke go dirile rra merafe e le mentsi.”

18 Yo e rileng tsholofelo e se yo a dumela mo tsholofelong, gore a tle a nne rra merafe e le mentsi, ka fa lefokong le le kileng la buiwa, ga twe: “Losika lwa gago lo tlaa nna jalo.”

19 Mme a akanya mmele wa gagwe, o nama ya one e setseng e ntse jaaka e kete e sule, ka a le boemo jwa dinyaga e ka ne e le di le lekgolo, mme a akanya le go swa ga sebopelo sa ga Sara; mme a se ka a koafala mo tumelong.

20Ee, ya re ka a lebile polelo ya tsholofetso ya Modimo, a se ka a theekela ka go tlhoka go dumela, mme a thatafala mo tumelong, a galaletsa Modimo,

21a ikantse ka botlalo gore se o se mo solofeditseng, o bile o nonofile go se dira.

22E bile ke gone ka moo o go baletsweng fa e le tshiamo.

23Jaana lefoko le le reng: “O go baletswe,” la bo le sa kwalwa ka ntlha ya gagwe a le esi;

24le gone e le ka ntlha ya rona ba re tlaa go balelwang, e bong rona ba re dumelang mo go one o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo losong,

25 yo o neng a neelwa losong ka ntlha ya ditlolo tsa rona, mme a tsosediwa tshiamiso ya rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help