1Jaana tumelo ke go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso ka ga dilo tse di sa bonweng.
2Gonne bagolo ba bogologolo ba neilwe tshupo ba le mo go yone.
3 Ka tumelo re tlhaloganya fa lobopo lo bopilwe ka lefoko la Modimo, ke go re, se se bonwang ga se a ka sa dirwa ka dilo tse di bonalang.
4 Ka tumelo Abele a isetsa Modimo setlhabelo se se gaisang sa ga Kaine; mme a supiwa ka gone fa a le tshiamo. Modimo e le one o o supileng ka ga dineo tsa gagwe; le fa a sule a sa ntse a bua ka yone.
5 Ka tumelo Enoke a tsholwa a isiwa kwa legodimong, gore a se ka a bona loso; mme o ne a se ka a bonwa, ka Modimo o mo tseetse kwa legodimong; gonne e rile pele ga go tsewa ga gagwe, a supiwa fa a ne a ntse a kgatlha Modimo.
6Mme kwa ntle ga tumelo go reteletse ruri go o kgatlha. Gonne yo o tlang Modimong o na le go dumela fa o le yo, e bile e le one moduedi wa ba ba o batlang.
7 Ka tumelo Noa, e rile a tlhagisitswe ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, a sutelediwa ke poifo ya Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalang, gore a tle a boloke ba ntlo ya gagwe, ke e o sekisitseng lefatshe ka yone, mme a tswa morui wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.
8 Ka tumelo Aberahame, e rile a bidiwa a utlwa, a huduga a ya kwa felong fa o ne a tlaa go amogela go nna boswa; a tswa fela, a sa itse kwa o yang teng.
9 Ka tumelo a tswa mojaki mo lefatsheng la polelo ya tsholofetso, jaaka motho a le mo lefatsheng le e seng la gagwe, a nna mo megopeng, a na le Isake le Jakobe, baruaboswa ka ene, ba yone polelo eo ya tsholofetso.
10Gonne o ne a lebelela motse o e leng one o o nang le motheo tota, o moagi le modiri wa one e leng Modimo.
11 Ka tumelo le e leng ene Sara, e rile a setse a tsofetse a bona nonofo ya go ima, ka a kaile one o o mo solofeditseng fa o le boikanngo.
12 E bile ke gone go tlhogileng mo go a le mongwe fela, le ene a tshwana jaaka a sule, bontsi jo bo kanang ka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o fa dintshing tsa lewatle, o o sa ka keng wa balwa.
13 Ba botlhe ba sule ba le mo tumelong, ba ise ba amogele dipolelo tsa tsholofetso; mme ba di bona, ba ba ba di itumelela di le kgakala, ba ipolela fa ba le baeng le baeti mo lefatsheng.
14Gonne ba ba buang dilo tse di ntseng jalo ba iponatsa fa ba batla lefatshe le e leng la bone ka bosi.
15Le gale fa ba ka bo ba ne ba tlhokometse lefatshe lele le ba duleng kwa go lone, ba ne ba ka bona lobaka lwa go boa.
16Mme ke fa ba eletsa lefatshe le le molemo bogolo, ke go re, la selegodimo. Ke gone Modimo o sa ba tlhabelweng ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone. Gonne o ba baakanyeditse motse.
17 Ka tumelo Aberahame, e rile a lekwa, a isa Isake tshupelo, ee, ene yo o ne a amogetse dipolelo tsa tsholofetso ka boitumelo, o ne a re, o isa morwawe yo o tsetsweng a le esi tshupelo,
18 e bong ene yo go builweng nae ga twe: “Losika lwa gago lo tlaa bolelwa mo go Isake.”
19O ne a kaya gore Modimo o nonofile go ka mo tsosa, le fa e le mo baswing; mo o bileng a mo amogela ruri ka setshwantsho, a tswa mo go bone.
20 Ka tumelo Isake a segofatsa Jakobe le Esau, le ka ga dilo tse di tlang.
21 Ka tumelo Jakobe, e rile a swa, a segofatsa bomorwa Josefe boo babedi, mme a obamela Modimo a itshegeditse ka tlhogo ya thobane ya gagwe.
22 Ka tumelo Josefe, e rile a le gaufi le go swa, a umaka go tloga ga bana ba Iseraele; a laola ka ga marapo a gagwe.
23 Ka tumelo Moše, e rile a sena go tsholwa, a sujwa ke batsadi ba gagwe ka dikgwedi di le tharo, ka ba mmona fa a le ngwana yo montle; mme ba se ka ba boifa taolo ya kgosi.
24 Ka tumelo Moše, e rile a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro,
25a itshenkela go utlwisiwa botlhoko le batho ba Modimo, bogolo go go ja monate wa dikgatlhego tsa boleo ka lobaka;
26a kaya fa go kgobelwa Keresete e le khumo e e molemo go gaisa mahumo a Egepeto; gonne o ne a lebile tefo ya tuelo.
27 Ka tumelo a tlhoboga, a tloga mo Egepeto, a sa boife bogale jwa kgosi; gonne o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.
28 Ka tumelo a simolola modiro wa Tlolaganyo, le kgatsho ya madi, gore mosenyi wa botsalwapele a se ka a ba ama.
29 Ka tumelo ba ralala Lewatle le Lehibidu jaaka e ka bo e le lefatshe le le omeletseng; mo e rileng Baegepeto ba re ba a go leka, ba nwela ba nyelela.
30 Ka tumelo dithako tsa Jeriko tsa wa, di sena go nna di potologwa ka malatsi a supa.
31 Ka tumelo Rahabe wa seaka a se ka a swa le ba ba ganneng go utlwa, ka a amogetse ditlhola ka kagiso.
32 Ke tlaa fela ke buang? Gonne ke tlaa tlhaelwa ke lobaka fa ke bolela ka ga Giteone, le Barake, le Samesone, le Jefethe; le ka ga Dafite, le Samuele, le baperofeti;
33 ba e rileng ka tumelo ba fenya magosi, ba dira tshiamo, ba amogela dipolelo tsa tsholofetso, ba thiba melomo ya ditau,
34 ba tima bogale jwa molelo, ba falola mo bogaleng jwa tšhaka; e rile ba le bokoa ba thatafadiwa, ba nna dinatla mo ntweng, ba leleka dintwa tsa ditšhaba tsa baeng.
35 Basadi ba amogela baswi ba bone ba tsosiwa mo baswing. Ba bangwe ba teketwa, ba gana go amogela kgololo, e le gore ba tle ba bone go tsoga mo losong mo go molemo bogolo.
36 Ba bangwe ba lekwa ka ditshotlo le ka go seolakwa, ee, le ka dikgole gape, le ka go tsenngwa mo matlong a kgolegelo:
37 Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ipotlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula.
38E ne e le batho ba lefatshe le sa tshwanelwang ke bone – ba kgarakgatshega mo dikakeng, mo dithabeng, mo dikgageng le mo mesimeng ya lefatshe.
39Botlhe ba, tshupo e ba dirafaletse ka tumelo ya bone, mme ba se ka ba bona tirafalo ya polelo ya tsholofetso,
40ka Modimo o ne o baakanyeditse rona sengwe se se molemo bogolo, gore ba tle ba se ka ba dirwa boitekanelo kwa ntle ga rona.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.