GENESISE 28 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Isake a bitse Jakobe, a mo segofatsa, a mo laya a re: “O se ka wa tsaya mosadi wa bomorwadia Kanana.

2Nanoga o ye kwa Patanaarame, kwa ntlong ya ga Bethuele rra mmaago; o tseye mosadi gone wa bomorwadia Labane, kgaitsadia mmaago.

3A Modimo Mothatayotlhe o go segofatse, o go atise, o go ntsifatse gore o tle o nne lesomo la ditšhaba.

4 O go neye lesego la ga Aberahame le losika lwa gago nao; gore o tle o rue lefatshe la majako a gago, le Modimo o le neileng Aberahame.”

5Isake a naya Jakobe tsela a ya Patanaarame, kwa go Labane morwa Bethuele wa Mosiria, kgaitsadia Rebeka, mma Jakobe le Esau.

Esau o nyala mosadi yo mongwe

6Jaana Esau a bona fa Isake a segofaditse Jakobe, a bile a mo neile tsela go ya Patanaarame gore a tseye mosadi gone, le jaaka a re a mo segofatsa a mo laya, a re: “O se ka wa tsaya mosadi wa bomorwadia Kanana;”

7le gone fa Jakobe a utlwile rraagwe le mmaagwe a ile Patanaarame.

8Esau a ba a bona fa bomorwadia Kanana ba sa kgatlhe rraagwe Isake.

9Foo Esau a ya kwa go Išemaele, a oketsa basadi ba a nang nabo ka go tsaya Mahalathe morwadia Išemaele, morwa Aberahame, kgaitsadia Nebaiothe, go nna mosadi wa gagwe.

Toro ya ga Jakobe kwa Bethele

10Jakobe a tswa mo Beerešeba, a leba kwa Harane.

11A wela felo gongwe, a lala gone, ka gobo letsatsi le ne le phirimile. A tsaya lentswe lengwe la felo foo a le sama, a robala.

12 A lora, mme bonang, ga bo go tlhomilwe sepalamo fa fatshe, setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong; mme bonang; ga bo go tlhatloga go bo go fologa baengele ba Modimo ka sone.

13 Mme bonang, Jehofa a bo a eme fa godimo ga sone a re: “Ke nna Jehofa Modimo wa ga Aberahame rraago, le Modimo wa ga Isake. Lefatshe le o letseng mo go lone ke tlaa le naya wena, le losika lwa gago.

14 Losika lwa gago lo tlaa nna jaaka lorole lwa lefatshe, o tlaa anamela kwa bophirimatsatsi, le kwa botlhabatsatsi, le kwa botsheka, le kwa borwa; mo go wena le mo losikeng lwa gago ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.

15Bona, ke na nao, ke tlaa go boloka kwa le kwa o yang gone, ke ba ke go lere gape mo lefatsheng le; gonne ga nketla ke go tlogela go tle go tsamaye ke dire se ke se buileng nao.”

16Jakobe a thanya mo borokong jwa gagwe a re: “A bo Jehofa a le felong fano! mme ke ne ke sa itse.”

17A boifa a re: “Kana felo fano go boitshega jang! Ga se gope go sele fa e se ntlo ya Modimo fela; fano ke mojako wa legodimo.”

18Jakobe a phakela ka moso a tsaya lentswe le o letseng a le samile a le tlhoma go nna segopotso, a ba a thela lookwane mo godimo ga lone.

19Mme a raya leina la felo foo a re: “Bethele,” mme leina la motse gale go ne go twe Luse.

20Jakobe a itlama ka maikano a re: “E tlaa re fa Modimo o nna le nna, fa o mpoloka mo tseleng e ke e tsamayang, o nnaya dijo go ja le diaparo go apara,

21gore ke be ke boele ntlong ya ga rre ka kagiso, foo Jehofa o tlaa nna Modimo wa me.

22Lentswe le ke le tlhomileng motloutlo le tlaa nna ntlo ya Modimo; mo go tsotlhe tse o tlaa di nnayang, ruri ke tlaa go naya sa bosome.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help