PESALEMA 113 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgalaletso ya ditiro tsa ga Jehofa tse di molemo

1Bakang Jehofa.

Bakang lona batlhanka ba ga

Jehofa, bakang leina la gagwe.

2A go bakwe leina la ga Jehofa,

go tloga fano gompieno

go ya bosakhutleng.

3Go tswa botlhabatsatsi,

go ya bophirimong jwa lone,

leina la ga Jehofa

le na le go bakwa fela.

4Jehofa o godimodimo,

godimo ga merafe yotlhe,

kgalalelo ya gagwe

godimo ga magodimo.

5E mang yo o tshwanang

le Jehofa Modimo wa rona,

yo setulo sa gagwe

se kwa godimong?

6Yo o ikokobetsang gore a bone

dilo tse di kwa legodimong

le mo lefatsheng.

7O kakatlolola mohumanegi mo

loroleng, a tsholetse motlhoki

a mo tlose mo thotobolong;

8gore a tle a mmeye

mo dikgosaneng,

e bong mo dikgosaneng

tsa batho ba gagwe.

9O dira gore mosadi yo o moopa

a nne le motse,

le go nna mma bana yo o itumelang.

Bakang Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help