1 BAKORINTHE 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lorato

1Fa ke bua dipuo tsa batho

le tsa baengele,

mme fa ke se na lorato,

ke be ke etsa kgotlho e e gogomang,

kgotsa dimatla tsa tshipi

tse di opanngwang fela.

2 Fa ke na le neo ya go ranola,

ke bile ke itse masaitsiweng otlhe

le kitso yotlhe;

fa ke na le tumelo yotlhe,

e le e e lekanyeng

go hudusa dithaba,

mme fa ke se na lorato,

ke be ke se sepe fela.

3Fa ke ntsha dilo tsotlhe tsa me,

ke otla bahumanegi ka tsone,

fa ke ntshetsa mmele wa me

go fisiwa,

mme fa ke se na lorato,

ga go nthuse sepe.

4Lorato lo itshoka ka pelotelele,

lo pelonomi;

lorato ga lo pelotshetlha;

lorato ga lo ke lo ikgantsha,

ga lo mabela.

5Ga lo ke lo dira

ka fa go sa tshwanelang,

ga lo ke lo ipatlela fela,

ga lo ke lo gakatsega,

ga lo ke lo akanya bosula;

6ga lo itumelele tshiamololo,

mme lo itumelela boammaaruri;

7lo itshokela dilo tsotlhe,

lo dumela dilo tsotlhe,

lo solofela dilo tsotlhe,

lo iphapaanya le dilo tsotlhe.

8Lorato ga lo ke lo tlhaela gope.

Le fa go na le diperofeso,

di tlaa khutlisiwa;

le fa go le dipuo,

di tlaa fela;

le fa go le kitso,

e tlaa khutlisiwa.

9Gonne re itse ka bontlhanngwe,

re perofesa ka bontlhanngwe;

10mme e tlaa re se se itekanetseng

se tsile,

se se emeng ka bontlhanngwe

se tlaa khutlisiwa.

11E rile ke le ngwanyana,

ka bua jaaka ngwanyana,

ka ikutlwa jaaka ngwanyana,

ka akanya jaaka ngwanyana;

mme jaanong ka ke le monna,

ke latlhile dilo tsa bonyana.

12Gonne gompieno re bona

mo seiponeng

go le lefitshwana,

mme e tlaa re mo lobakeng loo

re tlaa bona go lebanye difatlhogo;

gompieno ke itse ka bontlhanngwe;

mme e tlaa re mo lobakeng loo,

ke tlaa itse fela

jaaka le nna ke itsilwe.

13Jaana go sala tumelo,

le tsholofelo,

le lorato, boraro jo;

mme se segolo mo borarong jo

ke lorato.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help