Ponatsego 18 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 18.

1MI morago ga lilo tseuo, ka bona moengele moñue a hologa mo legorimoñ, a na le taolo e kholu; mi lehatse ya bonesioa ki khalalelo ea gague.

2Mi a bitsa thata ka koru e kholu, a re, Babelone o mogolu o ole! o ole! mi o rihegile boago yoa bademona, le bobulukelo yoa meoea eotle e e mashue, le bobulukelo yoa linunyane cotle tse ri mashue, le tse ri ilegañ.

3Ka merahe eotle e nole boyaloa yoa bogale yoa khokahalo ea ona, le likhosi tsa lehatse li gokahetse nao, le bareki ba lehatse ba humisicoe ki bogolu yoa tse liñtle tsa ona.

4Mi ka utlua koru e ñue e coa mo legorimoñ, e re, Coañ go ona, bathu ba me, gore lo si ne baaberoi ba libe tsa ona, le gore lo si cule ga tsenyo tsa ona.

5Gone libe tsa ona li hitleletse legorimo, mi Morimo o gopotse litsiamololo tsa ona.

6O ruele yaka o gu ruetse, mi o tlatlaganyetse tlatlaganyo kaha tihoñ tsa ona; mi senoelo se o se tlaritseñ, se o tlaletse ka tlatlaganyo.

7Yaka o ikhalaleritse oa itlaperisa segolu, o nee tlukuhaco le bohutsana bogolu yalo; gone o re, mo peluñ ea ona, Ki rutse yaka khosi ea sesari, mi ga ki motlolagari, mi ga ’nkitla ki bona bohutsana.

8Ki gona litsenyo tsa ona li tla tlañ ka motla o le moñue hela, eboñ, loshu, le selelo, le tlala; mi o tla hisioa gotle ki molelo; gone go thata Morena Morimo o o o sekisañ.

9Mi likhose tsa lehatse tse ri gokahetseñ nao, mi tsa tsela mo tlapeloñ nao, li tla o lelela, li o hutsahalela, mogañ li bonañ musi oa go sha ga ona,

10Li emela khakala, ka poiho ea botluku yoa ona, li re, Au, au, motse o mogolu, Babelone, motse o o thata! gone tsekisho ea gago e tlile ka oura o le moñue hela.

11Mi bareki ba lehatse ba tla lela, ba o lelela; gone go si ope eo o tlolañ a reka papaco ea bona:

12Papaco tsa gouda, le tsa selevera, le tsa maye a a rategañ, le tsa liperela, le tsa lene ye le lokhehe, le tsa porepura, le tsa seleke, le tsa matsela a mahibiru, le tsa likhoñ li sele cotle, le tse ri nkhañ monate, le liyana li sele cotle tsa linaka tsa litlou, le liyana li sele cotle tsa likhoñ tse ri rategañ, le tsa khotlo, le tsa tsipi, le tsa leincue ya lecopa,

13Le kinamone, le tse ri nkhañ monate, le litlolo tse ri nkhañ monate, le libano, le boyaloa, le loukuane le bupe yo bo tsetsethiloeñ, le mabele, le lipelesa, le liñku, le lipitse, le licariota, le mebele le meoea ea bathu.

14Mi mauñuo a a elerioañ ki moea oa gago a gu tlogetse, le cotle tse ri monate, le tse riñtle, li gu tlogetse, mi ga u kitla u tlola u li bona.

15Bareki ba lilo tse, ba ba le ba humisioa ki ona ba tla emela khakala ka ntla ea poiho ea botluku yoa ona, ba lela, ba lelela,

16Mi ba re, Au, au, motse o mogolu, o o lo apere lene ye le lokhehe, le porepura, le matsela a mahibiru, o khabisicoe ka gouda, le ka maye a a rategañ, le liperela!

17Gone mahumo a magolu a nyelericoe ka oura o le moñue hela. Mi bashupatsela botle ba shepa, le bathu botle ba ba mo shepeñ, le ba shepa, le botle ba ba rekañ mo leoatleñ, ba emela khakala,

18Mi ba bitsa ka ba bona musi oa go sha ga ona, ba re, Ana motse ohe o o cuanañ le motse o mogolu o!

19Mi ba ikubuela lithole mo litlogoñ tsa bona, mi ba bitsa ka selelo, le selelelo, ba re, Au, au, motse o mogolu o botle ba ba nañ le lishepa mo nokeñ ba humisicoeñ ka tse ri rategañ tsa ona! gone o ropeharicoe ka oura o le moñue hela.

20Uena legorimo, le lona baaposotoloi ba boitsepho, le baperofeti, Itumeleñ kaga ona; gone Morimo o lo o busholoseritse.

21Mi moengele eo thata a culetsa leincue ye le cuanañ yaka lolala lo logolu, mi a le rigela mo leoatleñ, a re, Motse o mogolu oa Babelone o tla rigoa yalo ka thata, mi ga o kitla o tlola o bonoa.

22Mi koru ea ba ba letsañ liharepe, le baoperi, le balotsi, le ba ba rumisañ literompeta, ga ba kitla ba tlola ba utluioa mo go uena; le letlale ya tiho, ya tiho tse ri ka nañ, ga le kitla le tlola le bonoa mo go uena; mi tumo ea lolala ga e kitla e tlola e utluioa mo go uena;

23Mi leseri ya lobone, ga le kitla le tlola le tlaba mo go uena; le koru ea monyari le ea monyaroi ga e kitla e tlola e utluioa mo go uena; gone bareki ba gago ba le ba le bagoluane ba lehatse; gone merahe eotle e le ea tsierioa ki litoo tsa gago.

24Mi mari a baperofeti, le a baitsephi, le a botle ba ba ba bolailoeñ mo lehatsiñ, a bonoa mo go ona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help