Genese 50 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 50.

1MI Yosefe a oela hatlogoñ sa ga rague, mi a lelela go ena, mi a mo atla.

2Mi Yosefe a laola liñaka, batlañka ba gague, gore ba balamise rague. Mi liñaka tsa balamisa Yeserele.

3Mi malatsi a forte a mo rihahalela; gone malatsi a ba ba balamisioañ a rihahala yalo: mi Baegepeto ba mo lelela ka malatsi a sevente.

4¶ Mi ka malatsi a telelo ea gague a sina heta, Yosefe a bua le ba eintlu ea ga Faroe, a re, A ereka ki bonye botsalano maitloñ a lona, a ko lo bue mo tsebeñ tsa ga Faroe, lo re,

5Rre o la a inkanisa, a re, Bona, kia shua: u ’mphitle mo lecueñ ya me ye ki le ka le ipetsa mo hatsiñ ya Kanana. Ki gona yana a ko u ’mme ki ee, gore ki hitle rre, mi ki tla ba ki tla.

6Mi Faroe a re, Ea, u hitle rago, yaka a la a gu ikanisa.

7Mi Yosefe a ea go hitla rague: mi batlañka botle ba ga Faroe, le bagolu ba eintlu ea gague, le bagolu botle ba hatsi ya Egepeto ba ea nae;

8Le ba eintlu botle ba ga Yosefe, le bomoroa rague le ba eintlu ea ga rague: mi banyana botle ba bona, le macomane a bona, le matlape a bona, ba a tlogela mo hatsiñ ya Goshena.

9Mi ga ea nae licariota, le bapalami lipitse: mi eabo e le leshomo ye legolu segolu.

10Mi ba hitla ha sebupiñ sa ga Atada, se se leñ moseya oa Yoredane. Mi ba hutsahalela, ba thela leshoa ya khutsahalo gona: mi a rihela rague selelelo ka malatsi a seven.

11Mi eare Bakanana, banni ba lehatsi ye ba bona khutsahalelo ha sebupiñ sa ga Atada ba re, Selelelo se se thata se sa Baegepeto: ki gona leina ya shona le birioañ Abele‐Mitseraima, eo o leñ moseya oa Yoredane.

12Mi bomoroaue ba mo rihela yaka a la a ba laolela:

13Gone bomoroaue ba melesetsa kua hatsiñ ya Kanana, mi ba mo hitla mo moñoboñ oa leota ya Makepela, o Aberahame o la a o reka le leota go Eferone Mohita, ha pele ga Mamera, go na boshua yoa phitlelo.

14¶ Mi eare Yosefe a sina hitla rague, a boela Egepeto, ena le bomoroa rague, le bona botle ba ba le ba ea nae, go ea go hitla rague.

15¶ Mi eare bomoroa rague Yosefe ba bona ha rabo a shule, ba re, Etlare khotsa Yosefe a re ile, mi a re khopololela rure boshula yotle yo re bo mo rihetseñ.

16Mi ba romela ka taeco go Yosefe, ba re, Rago o la a laola a e si a shue, a re,

17Lo ree Yosefe, lo re, Kia gu rapela yana, icuarele tlolo ea bomoroa rago, le boleo yoa bona: gone ba gu rihetse boshula: mi yana rea gu rapela, icuarele tlolo ea batlañka ba Morimo oa ga rago. Mi eare ba bua nae, Yosefe a lela.

18Mi bomoroa rague le bona ba tla ba oela ha pele ga gague: mi ba re, Bona, re batlañka ba gago.

19Mi Yosefe a ba raea, Lo si boihe: gone a ki mo boemoñ yoa Morimo?

20Lona, lo loa gopola boshula kaga me; mi Morimo o lo oa se gopola e le molemo, gore o rihahatse, yaka gontse ka yenu, go tserisa bathu ba le bantsi.

21Ki gona yana si boiheñ: ki tla lo otla, le banyana ba lona. Mi a ba gomotsa yalo, mi a ba khobisa pelu.

22¶ Mi Yosefe a nna mo Egepeto, ena, le ba eintlu ea ga rague: mi Yosefe a tsela nyaga li hundereda le ten.

23Mi Yosefe a bona bana ba ga Eferaime ba kokomana ea bo‐teri: le bana ba ga Makere moroa Manase ba haroa mo mañoleñ a ga Yosefe.

24Mi Yosefe a raea bomoroa rague, Kia shua: mi Morimo o tla lo lekolela rure, o lo entsa mo hatsiñ ye, go lo isa mo hatsiñ ye o lo oa le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe.

25Mi Yosefe a ikanisa bana ba Yeserele, a re, Amarure Morimo o tla lo lekola, mi lo belege marapo a me, lo a entse monu.

26Mi Yosefe a shua a le nyaga li hundereda le ten: mi ba malamisa, mi a tseñoa mo letluleñ mo Egepeto.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help