Ekesodo 1 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 1.

1MI yana, maina ua ki aona a bomoroa Yeserele, ba ba le ba tla mo Egepeto le Yakobe, moñue le moñue o la a tla le ba eintlu ba gague; eboñ:

2Rubene, le Simeone, le Leve, le Yude;

3Le Yisakare, le Sebulone, le Benyamine;

4Le Dane, le Nafetale, le Gade, le Ashere.

5Mi bathu botle ba ba coañ mañkopeñ a ga Yakobe e le le bathu ba sevente: mi Yosefe o la le mo Egepeto.

6Mi Yosefe a shua, le bomoroa rague botle, le ba mophato otle ouo.

7Mi bana ba Yeserele ba ata, mi ba totahala segolu, mi ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu bogolu, ea tsamaea ba tlala lehatsi.

8Mi ga coga khosi e enca mo Egepeto, e e le e sa itse Yosefe.

9Mi e le ea raea bathu ba eona, ea re, Bonañ, bathu ba bana ba Yeserele bantsi, mi ba nonohile bogolu go rona:

10Tlañ; re ba tlaleheñ, gore ba si intsihale, mi etlare khotsa tlabano e rihala, ba re ela mosheyane le baba ba rona, ba tlabana le rona, ba coa mo hatsiñ ye.

11Mi ba ba laorisetsa balebeleri ba tiho go ba bogisa ka mebelego ea bona, mi ba agela Faroe metse eo pulukelo, eboñ Pitoma le Ramesesa.

12Mi yaka ba le ba ba bogisa bogolu, ba intsihala bogolu, ba anama; mi ba boiha bana ba Yeserele.

13Mi Baegepeto ba le ba rihisa bana ba Yeserele ka thata:

14Mi ba galakisa tselo yoa bona ka tihelo ea khoeleo, mo takeñ le makote, le tihelo cotle tsa naga: mi tihelo eotle e ba le ba e ba rihisa e le le ka thata;

15¶ Mi khosi ea Egepeto ea bua le baelegisi ba Bahebera; moñue leina ya gague e le le Siferahe, mi leina ya eo moñue e le le Puahe:

16Ga tua, Ere lo thusa basari ba Bahebera pelegoñ tsa bona, mi lo bona bana lipakoñ tsa maye; ha e le mosimane, mi yalo lo molaee: mi ha e le mosetsana o ka tsela.

17Mi baelegisi ba le ba boiha Morimo, mi ba si ka ba riha yaka khosi ea Egepeto e ba laoletse, mi ba bulukela basimane go tsela.

18Mi khosi ea Egepeto ea bitsa baelegisi, mi ea ba raea, Lo lo rihañ ka seuo, ka lo buluketse basimane go tsela?

19Mi baelegisi ba raea Faroe, Ka gone basari ba Bahebera ga ba cuane le basari ba Egepeto; gone ba thata, mi ba belega baelegisi ba e si ba tle go bona.

20Ki gona ka mouo, Morimo oa rihela baelegisi seiñtle: mi bathu ba, ba intsihala, mi ba na bantsi bogolu.

21Mi ga rihala ka baelegisi ba boiha Morimo, oa ba rihela matlu.

22Mi Faroe a laolela bathu ba gague botle, a re, Losimane lotle lo lo bonoañ lo lo rigele mo nokeñ, mi lose-tsana lotle lo lo bulukele go tsela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help