Liane 26 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 26.

1YAKA celañ ka selemo, le pula mo motleñ oa thobo, go ntse yalo tlotlo ga ea lebana seeleele.

2Yaka nunyane e hohela kua le kua, le peulane e hohela koñ, go ntse yalo thogo ea lehela ga e kitla e tla.

3Seme se lebanye pitse, le mogala esela, le thupa metlana ea lieleele.

4Si arabe seeleele kaha bosiloñ yoa shona: gore u si ne yaka shona.

5Araba seeleele kaha bosiloñ yoa shona: gore se si tlalehe mo maitloñ a shona.

6Eo o laetsañ lesilo, o cuana le eo o khaolañ linao, mi o noa tsenyego.

7Yaka motlotsi a culetsa maotu: seane se ntse yalo mo melomoñ ea lieleele.

8Eo o nelañ seeleele tlotlo, o cuana le eo o konopelañ leincue ye le rategañ mo mokoeñ oa maye.

9Yaka mutlua o tsena mo atleñ sa motagoi; seane se ntse yalo mo melomoñ ea lieleele.

10Mogoluane o hutsahatsa botle ka go laletsa lieleele, le go laletsa batlori.

11Yaka nca e boela go matlatseñ a eona, seeleele le shona se boela go bosiloñ yoa shona.

12A ua bona monona eo o tlalehileñ mo maitloñ a gague? go culuhelo mo seeleeleñ bogolu go ena.

13Moruhari a re, Tau e kholu e mo tseleñ; tau e mo mebileñ.

14Secualo se khuetla mo likhue-keloñ, moruhari o ntse yalo ha bolaoñ yoa gague.

15Moruhari o tsenya atla sa gague mo mogocaneñ; mi go boitseme go ena go ba a se isa go molomoñ oa gague.

16Moruhari o tlalehile mo maitloñ a gague, bogolu go ba seven ba ba ka arabañ ka tlaloganyo.

17Eo o reñ a heta a yayaregela khañ esi ea gague, o cuana le eo o cuarañ nca ka litsebe.

18Yaka eo o ipaeañ setseno, eo, o konopa likhabu, le mecui, le lilo tse ri bolaeañ:

19Go ntse yalo le monona eo o tsietsañ moñ ka ena, mi a re, A ga ki tsameke?

20Ha go sina likhoñ, molelo oa tima: mi ha go sina mui mo tsebeñ, komano ea ririmala.

21Yaka magala a a timileñ go magala a a tukañ, le likhoñ go molelo; monona oa komano o ntse yalo go burula khañ.

22Mahuku a mosebi a yeoa ka tloahalo, mi a hologela mo boteñeñ yoa mpa bogolu.

23Lipounama tse ri tukañ, le pelu ea boshula, li cuana le sekeñkana se se manegiloeñ ka manyelo a selevera.

24Eo o ilañ, o itimokanya ka pounama tsa gague, mi o loga tsieco teñ ga gague,

25Ha a bua ka koru ea tsalano, u si mo rumele: gone o na le maila a le seven mo peluñ ea gague.

26Eo kilo ea gague e bipiloeñ ki tsieco, boshula yoa gague bo tla bonatsioa ha pele ga phuthego.

27Eo o epañ lemena o tla oela go yeona: mi eo o hirikololañ leincue, le tla boela go ena.

28Loleme lo lo akañ lo ila bona ba ba bogisioañ ki lona; mi molomo oa borethe o riha tsenyego.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help