1ANA gouda e khone yañ! gouda e e itsekileñ e hetogile yañ! maye a a itsephileñ a rigecoe libaeñ tsa mebila eotle.
2Bomoroaria Tsiona ba ba rategañ, ba ba cuantsioañ le gouda e e itsekileñ, ba kaioa yañ yaka liñkho tsa lecopa, tiho ea liatla tsa mopi.
3E, le liphukuye li ntsa mabele, li amusa liphukuyane tsa cona: moroaria bathu ba me o bolalome, yaka liince mo bogareñganaga.
4Loleme loa eo o anyañ lo ñaparela magalapa a gague ka lenyora: banyana ba lopa liyo, mi go si ope eo o ba abelañ.
5Ba ba le ba ya linateho ba hela mo mebileñ: ba ba gorisicoeñ ka keremesona ba tlamparela lithuthubulo.
6Gone tsiamololo ea moroaria bathu ba me e kholu bogolu go ea boleo yoa Sodoma, o o lo oa ribegoa yaka ka ponyo ea leitlo, mi liatla li si ka tsa o tlasela.
7Banasara ba gague ba le ba le itseko bogolu go celañ, ba le boshueu bogolu go mashi, ba le bohibiru yoa sebele bogolu go korala, ba na le popego ea safira:
8Ponalo ea bona e hihihetse yana bogolu go boncu; ga ba itsioe mo mebileñ: matlalo a bona a ñaparela marapo a bona; a omile yaka logoñ.
9Ba ba bolailoeñ ka caka ba molemo bogolu go ba ba bolailoeñ ka loshekeri: gone bauo ba tlorega, ba topecoe ki botloko yoa mauñuo a leota.
10Liatla tsa basari ba boutluelo botluku li apeile bana ba bona: ba e le le liyo tsa bona mo thubegoñ ea moroaria bathu ba me.
11Yehova o riharitse bocarara yoa gague; o goromeritse bogale yoa gague yo bo hisañ, mi o cubile molelo mo Tsiona, mi o nyeleritse metheo ea ona.
12Likhosi tsa lehatse, le banni botle ba hatse yeotle, ba kabo ba sa rumele ha moganetsi le maba ba kabo ba tsena mo likhoroñ tsa Yerusalema.
13¶ E le le ka maleo a baperofeti ba ona, le litsiamololo tsa baperiseti ba ona, ba ba culotseñ mari a basiami go ona.
14Ba le ba timela yaka lihohu mo mebileñ, ba itsekololoa ka mari, yalo bathu ga ba ka ba nonoha go ama aparo tsa bona.
15Ba le ba biletsa go bona, Tlogañ; go itsekologo; tlogañ, tlogañ, si ameñ: rure ba tsaba, E, ba timela, go buioa mo bahaiteneñ, Ga ba kitla ba tlola ba nna gona.
16Sehatlogo sa ga Yehova se ba khaogantse; ga a kitla a tlola a ba ñoka: ga ba ka ba tlotla lihatlogo tsa baperiseti, ga ba ka ba utluela bagolu botluku.
17Ka re le re sa leeo, maitlo a rona a akalegela thusho ea lehela ea rona: ra lebelela mo turioñ tsa rona tsa tebelo morahe o o sa kakeñ oa golola.
18Ba le ba coma likhato tsa rona, ra paleloa go sepela mo mebileñ ea rona: bokhutlo yoa rona bo le bo le gauhe, metla ea rona e le e hitlile; gone bokhutlo yoa rona bo le bo tlile.
19Bakhonateri ba rona ba le ba harima bogolu go manoñ a legorimo: ba re khukhela ka bocarara mo lithabeñ, ba re lalela mo bogareñganaga.
20Moea oa liñko tsa rona, motlorioi oa ga Yehova, a cuaroa mo mameneñ a bona, eo re rileñ ga gague, Re tla tsela mo bahaiteneñ tlatse ga moroti oa gague.
21¶ Moroaria Edoma, eo o nntseñ mo hatsiñ ya Utsa, itlapela mi u itumele, senoelo se tla khabaganyetsa le go uena: u tla thagoa u ipipo-lola.
22Moroaria Tsiona, peco ea tsiamololo ea gago e uericoe; ga a kitla a tlola a gu isa kua bocuaroñ: moroaria Edoma, o tla gu khopololela tsiamololo ea gago; a gu isa kua bocuaroñ ka maleo o gago.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.