Lipalo 13 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 13.

1MI Yehova a bua Moshe, a re,

2U rome banona, gore ba keleke hatsi ya Kanana, ye ki le naeañ bana ba Yeserele: lo rome monona moñue oa loco loñue le loñue loa bo‐rabo, a moñue le moñue oa bona a ne khosana.

3Mi Moshe a ba roma ka molomo oa ga Yehova go coa mo bogareñganaga yoa Parana: banona botle ba e le le tlogotlogo tsa bana ba Yeserele.

4Mi ua e le le maina a bona: Shamue moroa Sakure, oa loco loa ga Rubene.

5Shafete moroa Hore, oa loco loa ga Simeone.

6Kalebe moroa Yefune, oa loco loa ga Yude.

7Igale moroa Yosefe, oa loco loa ga Yisakare.

8Hoshee moroa Nune, oa loco loa ga Eferaime.

9Palete moroa Rafue, oa loco loa ga Benyamine.

10Gadiele moroa Sode, oa loco loa ga Sebulone.

11Gade moroa Suse, oa loco loa ga Yosefe, eboñ oa loco loa ga Manase.

12Amiele moroa Gemale, oa loco loa ga Dane.

13Seture moroa Mikaele, oa loco loa ga Ashure.

14Nahebe moroa Vafase, oa loco loa ga Nafetale.

15Geuele moroa Make, oa loco loa ga Gade.

16Auo ki maina a banona ba Moshe o ba romañ go keleka lehatsi. Mi Moshe a bitsa Hoshee moroa Nune, Yehoshue.

17¶ Mi Moshe a ba roma go keleka lehatsi ya Kanana, mi a ba raea, Eañ tseleñ e e eintleñ ea Souta, mi tlatlogelañ mo thabeñ:

18Mi lekolañ lehatsi yaka lentse; le bathu ba ba nntseñ go yeona, ha e le ba ba thata khotsa ba ba bororobe, banye khotsa bantsi;

19Le lehatsi yaka lentse, ye ba nntseñ go yeona, ha e le molemo khotsa boshula; le metse yaka entse e ba nntseñ go eona, ha ba le mo litenteñ, khotsa mo kagoñ tsa phemelo;

20Le lehatsi yaka lentse, ha e le nono khotsa koruahalo, ha litlare li go yeona khotsa nya. Mi thatahalañ, mi lereñ ga louñuo loa lehatsi. Mi metla euo e le le metla ea louñuo loa movina loa eintla.

21¶ Mi ba ea ba keleka lehatsi, go simolola ka bogareganaga yoa Tsina le kua Rehoba, ha tseleñ e eañ Hamata.

22Mi ba ea eintleñ ea Souta, ba hitla go Heberona; mi Ahimane, le She-shae, le Talamae, bana ba ga Anake ba le gona. (Mi Heberona o lo oa agoa nyaga li seven pele Tsoana oa Egepeto o e si o agoe.)

23Mi ba hitla ha molacoaneñ oa Eshekola, mi ba sega gona kala le lerose le leñue ya louñuo loa movina, mi ba le belega gare ga ba tu ka ñaro: mi ba lere ga ligeranata le lifeige.

24Helo hoñ go le go birioa molacoana oa Eshekola, ka eintla ea lerose ya movina ye bana ba Yeserele ba le ba le sega gona.

25¶ Mi ba boea kelekoñ ea lehatsi morago ga malatsi a forte.

26Mi ba ea, mi ba tla go Moshe le Arone, le kokoano eotle ea bana ba Yeserele, mo bogareñganaga yoa Parana, ha go Kadesha; ba ba leretse lehuku, le kokoano eotle, mi ba ba bontsa louñuo loa lehatsi.

27Mi ba mulelela, ba re, Re hitlile mo hatsiñ ye u re rometseñ go yeona, mi amarure, le ela mashi le linotse; mi lo ki louñuo loa yeona.

28Leha gontse yalo, ba ba nntseñ mo lehatsiñ yeuo ba thata, mi metse e hemecoe, mi e megolu bogolu: mi le bana ba ga Anake re ba bonye gona.

29Baamaleka ba nntse mo hatsiñ ya Souta: mi Baheta, le Bayebusa, le Baamora, ba nntse mo lithabeñ: mi Bakanana ba nntse ha leoatleñ, le ha losiñ loa Yoredane.

30Mi Kalebe a ririmatsa bathu ba ha pele ga Moshe, mi a re, A re eleñ rure, re le rue; gone re ka le nonohela rure.

31Mi banona ba ba le ba ea nae, ba re, Ga rea nonoha go ea bathuñ ba; gone ba thata go rona.

32Mi ba entsetsa bana ba Yeserele tumeri ea boshula ea lehatsi ye ba le kelekileñ, ba re, Lehatsi ye re le ra ralala go le keleka, ki lehatsi ye le nyeletsañ banni ba yeona: mi banona botle ba re ba bonyeñ go yeona, ki banona ba balele.

33Mi ra bona merobana gona, bomoroa Anake oa merobana: mi re le rentse yaka tsie mo maitloñ a rona, mi re le rentse yalo mo maitloñ a bona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help