Esekiele 2 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 2.

1MI a ’nthaea, Moroa mothu, ema ka nao tsa gago, mi ki tla bua nau.

2Mi moea oa tsena go ’na ka a bua le ’na, oa ’nkemisa ka nao tsa me, mi ka utlua eo o buañ le ’na.

3Mi a ’nthaea, Moroa mothu, ki gu romela go bana ba Yeserela, morahe oa cuulolo o o ’ncuuloletseñ, bona le bo‐rabo ba ’ntloletse, le ka yenu yenu.

4Ki gu romela go bona, leha ba bomoroa boima yoa sehatlogo, le bopelu thata; mi u ba ree, Go bua yalo Yehova Morena.

5Mi bauo, leha ba utlua, khotsa ba khutla, leha gontse yalo ba tla itse ha moperofeti a la a le mo go bona, gone e le ba ntlu ea cuulolo.

6Mi uena, moroa mothu, u si ba boihe, le esiñ go boiha mahuku a bona, leha meñana le metlua e na nau, mi u nna mo liphepeñ: u si boihe mahuku a bona, le esiñ go reregela hatlogo tsa bona, gone ba ntlu ea cuulolo.

7Mi bua mahuku a me le bona, leha ba utlua, khotsa ba khutla: gone ba cuulolo.

8¶ Mi uena moroa mothu, utlua se ki se buañ le uena; U si ne cuulolo yaka ba ntlu ea cuulolo ba: tumolola molomo oa gago, mi u ye se ki se gu naeañ.

9¶ Mi erile ki leba, bonañ, ki romecoe seatla; mi bonañ, momeno oa buka oa bo o le go shona.

10Mi a o menolola ha pele ga me: mi oa bo o kuariloe kua teñ le kua ntle: mi ga bo go kuariloe go ona likhutsahalelo, le phegelo, le tatlego.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help