1MORIMO, baeteni ba tlile mo boshueñ yoa gago; ba itsepholotse tempela ea boitsepho ea gago; ba rihile Yerusalema mekooa ea maye.
2Ba neile litoto tsa batlañka ba gago go na liyo tsa linunyane tsa legorimo; nama ea baitsephi ba gago go libatana tsa lehatsi.
3Mari a bona ba a culotse yaka metse mo eintleñ cotle tsa Yerusalema; mi go le go sina ope eo li hitlañ.
4Rentse se se khobioañ go bañ ka rona; le cotlo le ñoñolo go bona ba ba mo eintleñ cotle tsa rona.
5Yehova go lele go le kai! a u tla galeha ka bosina bokhutlo? A lehuha ya gago le tla hisa yaka molelo?
6Gorometsa bogale yo bogolu yoa gago mo baeteniñ ba ba sa gu itseñ; le mo magosiñ a a sa bitseñ leina ya gago.
7Gone ba yele ba uetsa Yakoba; mi ba ropeharitse boago yoa gague.
8U si re gopolele litsiamololo tsa metla ea eintla; a maicuarelo a gago a re emelele pele; gone re otile segolu.
9Re thuse, Morimo oa puluko ea rona, ka eintla ea khalalelo ea leina ya gago; u re golole, mi u icuarele libe tsa rona, ka eintla ea leina ya gago.
10Baeteni ba relañ, Morimo oa bona o kae? A o itsisioe mo baeteniñ ha pele ga pono ea rona; ka go busholosetsa mari a batlañka ba gago, a a culocoeñ.
11A phegelo ea mogolegoi e hitle ha pele ga gago; buluka ba ba laolecoeñ go shua, kaha bogoluñ yoa cogo ya gago.
12Mi ba u nee bañ ka rona boseven mo hubeñ tsa bona; khalo ea bona e ba gu kharileñ ka eona, Morena.
13Ki gona yalo, rona ba re leñ bathu ba gago, le liñku tsa bohulo yoa gago, re tla gu itumelela ka bosina bokhutlo; re tla bulela pako ea gago mo tsikatsikeñ cotle.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
