1BAKAÑ Yehova; gone go molemo go opelela Morimo oa rona pako; ka o ratega; pako e cuanetse.
2Yehova o agelela Yerusalema; o phutha bahalarioi ba Yeserela.
3O horisa ba ba pelu e thubegileñ; mi o hapa likuenesho tsa bona.
4O bala palo ea linaleri; o li bitsa cotle ka maina.
5Morena oa rona o mogolu, mi ki oa thata e kholu; tlaloganyo ea gague ga e na palo.
6Yehova o kokotletsa ba ba pelunolo; o rigela baikepi ha hatsi.
7Opelelañ Yehova maitumelelo ka phapanelo, opelelañ Morimo oa rona pako mo harepeñ.
8O o khurumetsañ magorimo ka maru; o o etleletsañ lehatsi pula; o o tlogisañ boyañ mo lithabeñ;
9O o naeañ likhomu lihulo tsa cona; le mahukuyana se a se lelelañ.
10Ga o itumelele thata ea pitse; ga o nateheloe ki memo ea mothu.
11Yehova o nateheloa ki ba ba moihañ; ba ba shuluhelañ mo boicuareloñ yoa gague.
12Uena Yerusalema, baka Yehova; uena Tsiona, baka Morimo oa gago.
13Gone o thatahatsa mephakelego ea likhoro tsa gago; o tsegahatsa bana ba gago mo teñ ga gago.
14O agisa mo lithokoñ tsa lehatsi ya gago; o gu khorisa ka mabele a a nonneñ.
15O roma taolo ea ona mo lehatsiñ; huku ya ona le yaila ka bonako.
16O naea litlonu yaka boboea yoa eñku; o gasanya serame se se shueu yaka molora.
17O konopa likaketla tsa gague yaka matlotlora; mañ eo o ka emelañ letseriri ya ona?
18O roma huku ya ona, mi le li tlapolose; o hokisa pheho ea ona, metse a elele.
19O itsise Yakoba lehuku ya ona; litaeo le litsiamisho go Yeserela.
20Ga oa ka oa rihela yalo morahe ope; mi tsiamisho tsa ona ga e li itse. Haleluya.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
