1 Litihalo 13 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 13.

1MI Davide a gakololana la balaori ba mathousanda, le ba mahundereda, le bakaeri botle.

2Mi Davide a raea phuthego ea Bayeserela eotle, Ha go lo lemohalela, mi ha gole ga Yehova Morimo oa rona, a re anameleñ, re rome go bana ba ga rra ecu ba ba tlogecoeñ mo mahatsiñ a Bayeserela aotle, le go baperiseti le Baleva ba ba nañ nabo mo metseñ le mo lintlaneñ tsa bona, gore ba re phuthegele:

3Mi a re bosetseñ areke ea Morimo oa rona go rona: gone re si ka ra botsa ka eona mo malatsiñ a Saule.

4Mi phuthego eotle ea re, Go tla rihoa yalo: gone se se le se siame mo maitloñ a bathu botle.

5Mi Davide a phutha Bayeserela botle, go simolola ka Sihora oa Egepeto le kua botsenoñ yoa Hamata, go tlisa areke ea Morimo Kireyata‐yearima.

6Mi Davide a ea le Bayeserela botle go Baala o o leñ Kireyata‐yearima o o mo Yudeñ, go entsa gona areke ea Yehova Morimo, eo o nntseñ gare ga likeruba, ha leina ya gague le birioañ gona.

7Mi ba entsa areke ea Morimo mo tluñ ea Abinadabe ka koloi e enca: mi Use lo Ahioe ba khuetsa koloi.

8Mi Davide le Bayeserela botle ba opela ha pele ga Morimo ka thata eotle, ka lihela, le liharepe, le liseletare, le litimberela, le lisembala, le literompeta.

9¶ Mi erile ba hitla kua sebopiñ sa Nakone, Use a entsa atla sa gague go tsegetsa areke; gone likhomu li khokoetsega.

10Mi bogale yoa ga Yehova yoa tukela Use, mi oa mo daea, gone a, entsetsa areke atla sa gague: mi a shuela gona ha pele ga Morimo.

11Mi Davide a tuka, gone Yehova a thobetse Use, ka thobo: ki gona helo hoñ go birioañ Peretsa‐usa le ka yenu.

12Mi Davide a boiha Morimo mo motsiñ ouo, a re, Ana ki tla iteretse areke ea Morimo yañ?

13Mi Davide a sa ikisetse areke go motseñ oa Davide, mi a e haposetsa mo tluñ ea ga Obeda‐edome oa Mogita.

14Mi areke ea Morimo ea nna le ba eintlu ea ga Obeda‐edome mo tluñ ea gague ka khueri li teri. Mi Yehova a tsegahatsa ba eintlu ea ga Obeda‐edome, le cotle tse o nañ naco.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help