1 Petero 4 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 4.

1AEREKA Keresete a re bogisericoe loshuñ mo nameñ, le lona ikapeseñ ka boitlomo youo; gone eo o bogisericoeñ loshuñ mo nameñ o khutlile kaga boleo;

2Gore a si tlole a tselela keleco tsa bathu, mi a tselela thato ea Morimo, ka motla oa gague o o setseñ mo nameñ.

3Gone motla o o hetileñ oa botselo yoa rona o lekanye, o re rihetseñ thato ea bahaitene ka ona, ka re le ra tsamaea mo boakeñ, le likhatlego, le mo bogoluñ yoa boyaloa, le meriho ea tlapelo, le tago, le tihelo ea merimo ea liseto e e mashue bobe;

4Tse, ba ikhakhamelelañ ka lo sa tsamaee nabo mo culoloñ ea boleo bobe mo go cona, ba lo khala;

5Ba ba tla ikarabelañ ena eo emeñ a iketleritse go atlola batseri le bashui.

6Gone ki ka mouo evangelio e le ea rereloa le go bona ba ba shuleñ, gore ba atloloe ki bathu mo nameñ, mi gore ba tselele Morimo mo moeeñ.

7Mi bokhutlo yoa lilo cotle bo atametse; ki gona, nañ tekano, mi lo rise mo thapeloñ.

8Mi bogolu go cona cotle, ratanañ thata; gone lorato loa tla bipa bontsi yoa libe.

9Thusañ baeñ mo go lona ka go bisa go ñoñorega.

10Yaka moñue le moñue a bonye neo, a a rihele ba bañue ka eona, yaka batlameri‐ntlu ba ba molemo ba litsegohaco tse rintsi tsa Morimo.

11Ha moñue a bua, a a bue yaka mahuku a Morimo; ha moñue a rihela, a a rihele kaha thateñ e Morimo o e mo arimileñ; gore Morimo o galalerioe mo liloñ cotle ka Yesu Keresete: eo o cuanecoeñ ki pako le taolo mo bosinañbokhutlo yotle. Amena.

12Baratoi, si gakhamaleleñ teko ea phisho, e e tla lo lekañ, yaka ekete selo se sele se lo rihahaletse;

13Mi lo itumele ka le mororo lo le baaberoi ba lipogisho tsa ga Keresete; gore le gona lo itumele, lo ipele segolu, mo ponatsegoñ ea khalalelo ea gague.

14Ha lo khoyoa ka ntla ea leina ya ga Keresete, yalo lo tsegoharicoe, gone moea oa khalalelo, le oa Morimo, o ikhutsa mo go lona; gone kaga bona oa khaloa; mi kaga lona oa galalerioa.

15Mi a go si ne ope oa lona eo o bogisioañ yaka molai, khotsa legoru, khotsa morihalibe, khotsa yaka ena eo o itapisañ ka lilo tsa ba bañue.

16Mi ha moñue a bogisioa a le Mokeresete, a a si tlayoe ki litloñ; mi a a galaletse Morimo ka ntla ea mouo.

17Gone ki motla o tsekisho e tla simololañ mo tluñ ea Morimo; mi ha e simolotse pele mo go rona, bokhutlo yoa bona ba ba sa utlueñ evangelio ea Morimo bo tla na yañ?

18Mi ha basiami ba bulukoa ka pitlagano, moikepi le moleohi ba tla bonala kae?

19Ki gona ba ba bogisioañ kaha thatoñ ea Morimo, a ba nele Morimo meoea ea bona, ka go riha molemo, yaka go Mopi oa boikanyo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help