Basiamisi 6 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 6.

1MI bana ba Yeserele ba shulatsa mo maitloñ a ga Yehova; mi Yehova a ba tsenya mo atleñ tsa ga Bamidiana ka nyaga li seven.

2Mi atla tsa ga Bamidiana tsa thatahalela Bayeserela: mi bana ba Yeserele ba itihela likhaga tse ri mo lithabeñ, le meñobo, le thata tsa mahika kaga Bamidiana.

3Mi ga rihala ka Bayeserela ba yala, Bamidiana ba tla, le Baamaleka, le bathu ba Iseta, le bona ba ba bololela;

4Mi ba ba tlaolelela, ba senya totahalo ea ombu, le kua Gasa, mi ba si ka ba lesetsa Bayeserela se se tserisañ, le esiñ sehutsane, le esiñ khomu, khotsa esela.

5Gone ba bolola le likhomu tsa bona le litenta tsa bona; ba le ba tla yaka tsie ka bontsi; gone bona, le likamela tsa bona li sina palo: mi ba tsena mo hatsiñ go le senya.

6Mi Bayeserela ba humanegisioa ka eintla ea Bamidiana; mi bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova.

7¶ Mi ga rihala ka bana ba Yeserele ba khayayegela go Yehova ka eintla ea Bamidiana,

8Yehova a romela bana ba Yeserele moperofeti, eo o ba raeañ, Go bua yalo Yehova Morimo oa Bayeserela, ki le ka lo entsa mo hatsiñ ya Egepeto, ka lo coisa mo tluñ ea botlañka;

9Mi ka lo golola mo atleñ tsa Baegepeto, le mo atleñ tsa botle ba ba lo patikileñ, ka ba leleka ha pele ga lona, ka lo naea hatsi ya bona;

10Mi ka lo raea, Ki Yehova Morimo oa lona; si boiheñ merimo ea Baamora, ba hatsi ya bona lo nntseñ go yeona: mi ga loa akela koru ea me.

11¶ Mi ga tla moengela oa Yehova, mi a lula tlatse ga moterebenta o o mo Ofera, oa Yoashe oa Moabi‐esera: mi Gideone moroaue a phota mabele ha khatishoñ ea boyaloa, go a shubela Bamidiana.

12Mi moengela oa Yehova a iponatsa go ena, a mo raea, Yehova o na nau, uena, monona oa bonatla.

13Mi Gideone a mo raea, Au! Morena oa me, ha Yehova a na le rona, cotle tse li re rihaletseñ? mi tse ri gakhamatsañ tsa gague cotle li ha kae, tse bo‐rra ecu ba li re buleletseñ, ba re, A Yehova ga a ka a re entsa Egepeto? mi yana Yehova o re tlogetse o re tsentse mo atleñ tsa Bamidiana.

14Mi Yehova a retologela go ena, mi a re, Ea ka nonoho e ea gago, mi u tla golola Bayeserela mo atleñ tsa Bamidiana: a ga kia gu roma.

15Mi a mo raea, Au! Morena oa me, ki tla golola Bayeserela kañ? Bona, sika loa me loa bolala mo Bamanaseñ, mi ki oa motlana oa ba eintlu ea ga rre.

16Mi Yehova a mo raea, Rure ki tla na nau, mi u tla khemetha Bamidiana yaka monona a le moñue.

17Mi a mo raea, Mi yana, ha ki bonye tsalano mo maitloñ a gago, ’mpontsa seshupo ha e le uena eo u buañ le ’na.

18A ko u si tloge ha, e tsamaee ki tle go uena, ki entse neo ea me, ki e baea ha pele ga gago. Mi a re, Ki tla nna e tsamaea u ba u tla.

19¶ Mi Gideone a ea a bakanya potsane, le tse ri sa berisioañ ka efa ea bupi: a tsenya nama mo serotuñ, mi a tsenya moro mo pitseñ, a li isa go ena, kua tlatse ga moterebenta, a li baea gona.

20Mi moengela oa Yehova a mo raea, Tsaea nama le tse ri sa berisioañ, li bee ha hikeñ ye, mi thela moro. Mi a riha yalo.

21Mi moengela oa Yehova a entsa eintla ea tsama e e le le mo atleñ sa gague, a ama nama le tse ri sa berisioañ, mi ga coa molelo mo hiken, o nyeletsa nama le tse ri sa berisioañ. Ereha gona moengela o tlogañ mo maitloñ a gague.

22Mi Gideone a bona ha e le le moengela oa ga Yehova, mi Gideone a re, Au! Yehova Morena; ka gone ki bonye moengela oa Yehova ka teba-gano ea lihatlogo.

23Mi Yehova a mo raea, Kagisho e ne nau; u si boihe: ga u kitla u shua.

24¶ Mi Gideone a agela Yehova aletara gona, mi a e sha leina ya Yehova‐shaloma: e sa le kua Ofera oa Baabi‐esera le ka yenu.

25Mi ga rihala ka sigo youo, Yehova a mo raea, Tsaea poana ea rago, le poana ea bo‐tu ea nyaga li seven, mi rutla aletara ea Baale e e leñ ea rago, mi rema sekhuana se se ha go eona.

26Mi agela Yehova Morimo oa gago aletara ha gorimo ga thata e ka thulaganyo, mi tsaea poana ea botu, u e hise cupelo ea phisho le likhoñ tsa sekhuana se u tla se remañ.

27Ereha gona Gideone o tsaeañ banona ba le ten ba batlañka ba gague, mi a riha yaka Yehova a mo reile: mi ga rihala ka a boiha ba eintlu ea rague, le banona ba motse, a si ka a riha yalo ka motsegare, a riha ka bosigo.

28¶ Mi ka banona ba motse ba phakela, bonañ, aletara ea Baale e rutlegile, le sekhuana se se le se le ha go eona se remiloe, mi poana ea bo‐tu e hisicoe ha aletareñ e e agiloeñ.

29Mi ba rana, E mañ eo o rihileñ seo se? Mi erile ba tlotlomisa, ba botsa, ba re, Gideone moroa Yoashe o rihile seo se.

30Ereha gona banona ba motse ba raeañ Yoashe, Entsa moroau gore a shue: gone o rutlile aletara ea Baale, le gona gone o remile sekhuana se se le se le ha go eona.

31Mi Yoashe a raea botle ba ba emeñ nae, A lo tla ganelela Baale? a lo tla mo golola? Eo o tla mo ganelelañ, a a bolaoe mo moshoñ onu: ha e le morimo, a o ikhanelele, gone aletara ea gague e rutliloe.

32Ki gona o mitsañ Yerubaale ka tsatsi yeuo, a re, A Baale a ganele nae, gone o rutlile aletara ea gague.

33¶ Ereha gona Bamidiana le Baamaleka botle, le bathu ba Iseta ba phuthegañ mogo, mi ba khabaganya, ba tlaolela mo mogorogoroñ oa Yisereëla.

34Mi Moea oa Yehova oa na go Gideone, mi a letsa terompeta, mi Baabi‐esera ba bilerioa morago ga gague.

35Mi a romela kua hatsiñ yeotle ya Manasa baroñoi; le bona ba bilerioa morago ga gague: mi a romela Baashera, le Basebulona, le Banafetala baroñoi; mi ba bolola go ba khatlanetsa.

36¶ Mi Gideone a raea Morimo, Ha u tla golola Bayeserela ka atla sa me, yaka u buile,

37Bona, ki tla baea sesetlo sa boboea yoa eñku mo sebopiñ: mi ha monyo o mo sesetloñ shosi, mi komelelo e na mo ombuñ otle, ereha gona ki tla itseñ ha u tla golola Bayeserela ka atla sa me, yaka u buile.

38Mi ga na yalo: gone a phakela, mi a gamola sesetlo, a shoka monyo mo sesetloñ, mogocana oa tlala metse.

39Mi Gideone a raea Morimo, A bogale yoa gago bo si ’ntukele, ki tla hela ki bua ye ya bohelo: kia gu rapela, ’ma ki leke ka sesetlo ka lo losi; a komelelo e ne mo sesetloñ shosi, mi a monyo o ne mo ombuñ otle.

40Mi Morimo oa riha yalo ka sigo youo: gone komelelo e le le mo sesetloñ shosi, mi monyo o lo o le mo ombuñ otle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help