1MI, uena, bua lilo tse ri cuanetseñ thuto e e horileñ;
2Gore banona ba bagogaie ba ne tekano, bopelunomi, le tsisimogo, le mo tumeloñ e e horileñ, le mo loratoñ, le mo bopeluñtelele.
3Le basari ba bagogaie le bona gore ba ne mo tsamaoñ e e cuanetseñ baitsephi, esiñ bakhari, esiñ go inela boyaloeñ yo bogolu, a ba ne baruti ba lilo tse ri molemo;
4Gore ba rute basari ba meroba go na tekano, le go rata banona ba bona, le go rata bana ba bona,
5Go na botlale, le boitseko, le go buluka ntlu, le go na molemo, le go utlua banona ba bona, gore lehuku ya Morimo le si khaloe.
6Makau le aona u a kaele go na tekano.
7U icupe u le sekao sa tiho tse ri molemo mo liloñ cotle, le bosapekoa mo thutoñ, le bopelunomi, le tsiamo,
8Ka lehuku ye le horileñ ye le sa kakeñ ya latloa, gore eo o le ganetsañ a tlayoe ki litloñ, ka a sina sepe sa boshula go se bua ga gago.
9Batlañka u ba kaele go utlua beñ ba bona, go ba khatla mo liloñ cotle; esiñ go ganela;
10Esiñ go senya, mi a ba shupe boikanyo yotle yo bo molemo; gore ba khabise thuto ea Morimo Morebuluki mo liloñ cotle.
11Gone tsegohaco ea Morena e e bulukañ e phatsimetse bathu botle,
12Mi e ruta, gore re tlogele boikepo le likhatlego tsa lehatse, le go tsela ka boikanyo, le tsiamo, le poihomorimo mo hatsiñ yenu;
13Ka go lebelela culuhelo e e tsegoharicoeñ, le ponatsego ea khalalelo ea Morimo o mogolu, le ea Morebuluki Yesu Keresete;
14Eo o re ineletseñ, gore a re rekolole mo tsiamololoñ cotle, le go itsephisetsa bathu ba sele go ena, ba ba tloahalañ mo tihoñ tse ri molemo.
15U bue tse, mi u kaele, mi u buele ka taolo eotle. A go si ne ope eo o gu nyatsañ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
