Liane 27 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 27.

1USI belahale mo tsatsiñ ya ka mosho; gone ga u itse se se tla rihalañ tsatsi leñue.

2A moñue o sele a gu bake, esiñ molomo oa gago; moeñ, le esiñ pounama tsa gago.

3Leincue le bokete, mi moshaua o thata; mi khaleho ea lesilo e bokete bogolu go li tu tse.

4Bocarara ki bolalome, mi bogale ki phohomo; mi e mañ eo o ka emañ ha pele ga lehuha?

5Khalemelo ea ponatsego e molemo bogolu go lorato lo lo shubegileñ.

6Likuenesho tsa eo e leñ morati li boikaño; mi likatlo tsa moiri li tsieco.

7Moea o o khotseñ o gatela lomepa loa linotse; mi tse ri bogalaka cotle li botse go moea o o utluañ tlala.

8Yaka nunyane e timeloa ki setlaga sa eona, go ntse yalo le monona eo o timeloañ ki helo ga gague.

9Loukuane le moñko o o monate li itumerisa pelu: khakololo ea mothu e ntse yalo, ki botse yoa tsala ea gague.

10U si tlogele tsala ea gago, le esiñ tsala ea ga rago; mi si tsene mo tluñ ea ñoana rago ha go rihalela boshula nau: gone moñ kau eo o gauhe, o molemo bogolu go ñoana rago eo o leñ khakala.

11Moroaka, u tlalehe, mi itumerise pelu ea me, gore ki arabe ena eo o ’nkhobañ.

12Eo o borotolo o bona boshula, mi oa shuyoa: mi ba ba sa gopoleñ ba hetela pele, mi ba berioa.

13Tsaea seaparo sa gague eo e len moleheri oa o sele, mi mo tselela baeñ peelelo.

14Eo o tsegohatsañ tsala ea gague ka koru e kholu, ka go coga gale mo moshoñ, go tla kaioa tlogo go ena.

15Go rotha ka gale mo tsatsiñ ya pula e kholu, le mosari oa likomano, li cuana hela;

16Eo o mo thibañ o ka thiba pheho, khotsa go shuba moñko oa lookuane loa atla sa gague se se siameñ.

17Tsipi e lotsa tsipi; go ntse yalo monona o lotsa sehatlogo sa tsala ea gague.

18Eo o iletsañ mofeige o tla ya louñuo loa ona: le ena eo o bulukañ muñoague o tla tlotloa.

19Yaka sehatlogo se cuana le sehatlogo mo metseñ, go ntse yalo pelu ea mothu go mothu.

20Bobipo le tsenyego ga li khore; go ntse yalo maitlo a mothu ga a khore.

21Monona o lekoa ki molomo oa eo o mo hakañ, yaka selevera mo pitseñ ea tlapolosho, le gouda mo bokepishoñ.

22Leha u tlobola lesilo le mabele mo kikeñ ka motse, bosilo yoa yeona ga bo kitla bo le tloga.

23Tloahala go itse popego ea macomane a gago, mi lepa thata matlape a gago.

24Gone lithoto ga li ne ka bosakhutleñ: khotsa a kerone e tla na mo kokomaneñ cotle?

25Morogo oa kukunya, le loreme loa bonoa, le merogo ea lithaba ea phuthoa.

26Likuana ki go gu apesa, le tse ri tona ki sereko sa leota.

27Mi u tla na le mashi a pori a a lekanyeñ liyo tsa gago, le liyo tsa ntlu ea gago, le kotlo ea baroetsana ba gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help