1MI ga rihala, eare Sanbalate a utlua ha re aga lorako, a tuka, mi a gakarioa segolu, a shotla Bayuda.
2Mi a bua ha pele ga bana ba ga rague le entua ea Samaria, a re, Bayuda ba ba motlohu ba, ba rihañ? a ba tla ithatahatsa? a ba tla tlabela? a ba tla uetsa ka tsatsi le leñue? a ba tla tserisa maye mo mekoeñ ea lirobego a a hisicoeñ?
3Mi Tobie oa Moamona o la a le ha go ena, mi a re, Leha ba aga, ha phukuye e tlatloga, e tla rutla lorako loa bona loa maye.
4Utlua, Morimo oa rona, gone re nyaricoe thata: mi bosetsa khobo ea bona mo tlogoñ tsa bona, mi u ba nele thopoñ mo hatsiñ ya bocuaro.
5Mi u si khurumetse tsiamologo ea bona, mi a boleo yoa bona bo si phimoloe ha pele ga gago: gone ba gu gakaritse ha pele ga baagi.
6Mi ra aga lorako; mi lorako lotle loa kitlañoa go ea ha eintleñ eñue ea lona: gone bathu ba rata go riha.
7¶ Mi ga rihala, eare Sanbalate, le Tobie, le Baarabia, le Baamona, le Baashedoda, ba utlua ha mamatlelelo a lithako tsa Yerusalema a coelela pele, le likhagogo li simolola go tsiyoa, ereha gona ba tukañ segolu,
8Mi ba golagana mogo botle go tla go tlabana le Yerusalema, go re khoreletsa.
9Leha gontse yalo ra rapela Morimo oa rona, mi ra ba bela tebelelo tsatsi le bosigo, kaga bona.
10Mi Yude a re, Nonoho ea babelegi ea ñotlega, mi lirobego li lintsi; yalo ga rea nonoha go aga lorako.
11Mi baganetsi ba rona ba re, Ga ba kitla ba itse, le go bona, e tsamaea re tsena gare ga bona, re ba bolaea, re khutlisa tiho.
12¶ Mi ga rihala ka Bayuda ba ba nnañ nabo ba tla ba re bulelela ga ten, ga tua, Ba tla tla go rona ba coa mo maheloñ aotle.
13Ki gona ki le ka baea mo maheloñ a a kua tlatse morago ga lorako mo maheloñ a bogorimo, E, ka baea bathu kaha tsikeñ tsa bona, ba na le licaka tsa bona, le marumo a bona, le mara a bona.
14Mi ka leba, mi ka nanoga, ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Si ba boiheñ: gakologeloañ Morena eo mogolu, le eo o boitsegañ, mi lo tlabanele bana ba rra‐enu, le bomoroa lona, le bomoroaria lona, le basari ba lona, le matlu a lona.
15Mi ga rihala eare baba ba rona ba utlua ha re go itse, mi ha Morimo o cupueritse khakololo ea bona, ra boela kua lorakoñ rotle, moñue le moñue go tiho ea gague.
16Mi ga rihala le ka tsatsi yeuo, eintla eñue ea batlañka ba me ea riha mo tihoñ, mi eintla e eñue ea bona ea tsegetsa marumo, le lithebe, le mara, le liaparo tsa phemelo; mi balaori ba bo ba le morago ga ba eintlu ea Yude botle.
17Ba ba agañ lorako, le ba ba belegañ mebelego, le bona ba ba belesañ, moñue le moñue a riha tiho ka atla se le señue, mi a tsegeritse sebolao ka se señue.
18Mi moñue le moñue oa baagi a bo a na le caka ea gague e cueloe ha nokeñ ea gague ka a aga. Mi ena eo o letsañ terompeta o la a le ha go ’na.
19Mi ka raea bagoluane, le balaori, le bathu ba ba setseñ, Tiho e kholu, e atlame, mi re khaogancoe mo lorakoñ, moñue o khakala le eo moñue.
20Helo hoñ kua lo utluañ tumo ea terompeta gona, phuthegelañ go rona gona; Morimo oa rona o tla re tlabanela.
21Mi ra riha mo tihoñ: mi eintla eñue ea bona ea tsegetsa marumo go simolola ka tlatlogo ea mosho go ea go boco yoa linaleri.
22Le gona ka raea bathu ka motla ouo, A moñue le moñue a tlole bosigo le motlañka ca gague mo teñ ga Yerusalema, gore ba ne tebelo ea rona bosigo, le go riha ka motsegare.
23Mi ’na, le bana ba ga rre, le batlañka ba me, le banona ba tebelo ba ba ’ntsalañ morago, re si ka ra apola aparo tsa rona, ha e si go li isa go tlacoioa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.