Lipesalema 130 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

PESALEM 130.¶ Sehela sa Litlatlologanyo.

1KI biletsa go uena ki le mo mateñeñ, Yehova.

2Yehova, utlua koru ea me; a tsebe tsa gago li eletloko koru ea lithapelo tse ri thata tsa me.

3Yehova, u kabo u lotolotsa tsiamololo; Yehova, go tla ema mañ?

4Mi boicuarelo bo ha go uena, gore u boihoe.

5Ki lebelela Yehova; moea oa me o lebelela; mi ki shuluhela mo hukuñ ya gague.

6Moea oa me o lebelela Yehova, bogolu go bona ba ba lebelelañ mosho, E, ba ba lebelelañ mosho.

7A Yeserela a shuluhele mogo Yehova, gone boicuarelo bo ha go Yehova, mi thekololo e kholu e ha go ena.

8Mi o tla rekolola Yeserela mo tsiamololoñ tsa gague cotle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help