1EO mogolu, go mosari eo o itseñkecoeñ, le bana ba gague, ba ki ba ratañ mo boamarureñ; mi esiñ ’na ’nosi, mi le bona botle ba ba itsileñ boamarure;
2Ka ntla ea boamarure yo bo agileñ mo go rona, yo bo tla nañ le rona ka bosina bokhutlo:
3Tsegohaco, le boicuarelo, le kagisho, a li ne le lona, tse ri coañ Morimoñ Rara, le tse ri coañ mo go Yesu Keresete Morena, Moroa Rara, mo boamarureñ le mo loratoñ.
4Ki le ka itumela segolu ka ki bonye bañue bana ba gago ba ba tsamaeañ mo boamarureñ, yaka re bonye taolo mo go Rara.
5Mi yana, mohumagari, kia gu rapela, esiñ yaka ki gu kualela taolo e nca, mi ki e re le re na naeo le mo tsimologoñ, gore re ratane.
6Mi lorato ki lo, gore re tsamaee kaha taoloñ tsa ona. E ki eona taolo, yaka lo utluile le mo tsimologoñ, gore lo tsamaee mo go eona.
7Gone batsietsi bantsi ba tlile mo lehatsiñ, ba ba sa ipoboleñ ha Yesu Keresete a tlile mo nameñ. Eo, ki motsietsi le moganetsi oa ga Keresete.
8Iponeleñ, gore lo si latlegeloe ki lilo tse re li rihileñ; mi gore re bone tuelo e e tletseñ.
9Moñue le moñue eo o tlolañ, mi a sa nne mo thutoñ ea ga Keresete, ga a na Morimo. Eo o nnañ mo thutoñ ea ga Keresete, eo, o na le Rara le Moroa.
10Ha moñue a tla go lona, mi a sa lere thuto e, lo si mo culele mo tluñ ea lona, mi lo si mo ree, Rumela.
11Gone eo o mo raeañ, Rumela, o na le kabalano le tiho tse ri boshula tsa gague.
12Ki na le lilo li le lintsi go li lo kualela, mi ga ki rate go kuala ka pampire le inka; mi ki shuluhela go tla go lona, go bua le lona ka molomo le molomo, gore boitumelo yoa lona bo tlale.
13Bana ba ga monnau, eo o itseñkecoeñ, ba gu rumerisa. Amena.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
