1MORIMO, retsa morapelo oa me; mi si icubele thapelo e e thata ea me.
2’Nkelatloko, mi u ’nkarabe; ki riha bohutsana mo itokoñ ea me, ki riha morumo,
3Ka eintla ea koru ea maba; ka eintla ea patiko ea baikepi; gone ba latlela tsiamololo mo go ’na, mi ba ’nkila ka bogale yo bogolu.
4Pelu ea me e tlukuharicoe bogolu mo teñ ga me; mi lipoitsego tsa loshu li oetse mo go ’na.
5Poiho le thoromo li ’ncuere, mi therego e ’nkhurumeritse,
6Ga tsamaea ka re, Au! intla ’nko ki na le liphuka yaka lephui, ’nko ki hohela kua ’nka ikhutsañ gona.
7Bona, ’nko ki timelela khakala; ’nko ki sala mo gareñganaga. Sela.
8’Nko ki itlaganela gore ki tsabe pheho e e kharametsañ, le ea moroalela.
9Yehova, ba senye, mi lomologanya likhakololo tsa bona; gone ki bona tsenyo le khañ mo motseñ.
10Ba rikologa mo lithakoñ tsa ona tsatsi le bosigo; tsiamololo le khatisho, li mo teñ ga ona.
11Bolotsana hela bo mo gareñ ga ona; boherehere le tsieco ga li tloge mo mebileñ ea ona.
12Gone ga si maba eo o khobañ, ha gontse yalo ’nkabo ki le ka icoka; ga si eo o ’nkilañ, eo o itihañ mogolu ka ’na; eo ontseñ yalo, ’nkabo ki mo icubela.
13Mi e le le uena, uena monona eo e leñ molekane oa me, mokaeri le tsala ea me.
14Re le ra gakololana mogo ka natehalo; mi ra ea mogo kua tluñ ea Morimo.
15A loshu lo ba cuare ka bonako; a ba hologele ba sa tserile mo bobipoñ; gone boshula bogolu bo mo teñ ga maago a bona.
16Mi kaga me, ki tla bitsa Morimo; mi Yehova o tla ’nkholola.
17Ki tla rapela, ka mabanyane, le mo moshoñ, le mo motsegareñ; ki bitsa segolu; mi o tla ’nkutlua.
18O tla rekolola moea oa me ka kagisho mo tlabanoñ, leha bontsi yo bogolu bo emalana le ’na.
19Morimo o tla utlua, eboñ o o sa tlolegañ, o ba bogisa. Sela. Ka go sina phetogo epe ha go bona, ki gona ba sa boiheñ Morimo.
20O otlololela ba ba agileñ nae ka kagisho liatla tsa gague: o hunolotse kholagano ea gague.
21Molomo oa gague o borethe bogolu go mahura a mashi, mi pelu ea gague ki tlabano; mi mahuku a gague a sita loukuane ka bonolo, mi a licaka tse ri shomocoeñ.
22Latlela lipopego tsa gago go Yehova, mi o tla gu kokotletsa; ga a kitla a leseletsa mosiami go tsikiñoa ka bosina bokhutlo.
23Mi, Morimo, u tla ba holosetsa mo moleteñ oa tsenyego. Banona ba mari le tsieco ga ba kitla ba tsela eintla eñue ea malatsi a bona; mi ’na ki tla gu ikanya.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.