1MI monona oa eintlu ea ga Leve, a ea a nyala moroaria Leve.
2Mi mosari a ithuala, a bona mosimane; mi eare a mona a le moiñtle, a mo shuba ka khueri li teri.
3Mi eare a reteleloa ki go tlola a mo shuba, a mo tsela serotu sa papira, mi a se kana ka bitumena, le ka boka, mi a baea ñuana mo go shona, mi a se baea mo mekhasiñ ha intsiñ ea noka.
4Mi khantsarie a ikemisa khakala go itse se se tla mo rihalelañ.
5¶ Mi moroaria Faroe a hologa go tlacua mo nokeñ; mi baroetsana ba gague ba sepela ha intsiñ ea noka; mi eare a bona serotu mo mokhasiñ, a roma lelata ya yague go se lere.
6Eare a se khurumolola a bona ñuana: mi bonañ, ñuanyana a lela. Mi a mo utluela botluku, mi a re, Eo ki oa bana ba Bahebera.
7Ereha gona khantsarie o raeañ moroaria Faroe, A ga ’nkake ka ea go gu biletsa moamusi oa basari ba Bahebera, gore a gu amusetse ñuana eo?
8Mi moroaria Faroe, a mo raea, Ea, mi moroetsana a ea, a bitsa ma ñuana.
9Mi moroaria Faroe a mo raea, Tsaea ñuana eo, mi u mo ’nkamusetse, mi ki tla gu naea tuelo ea gago. Mi mosari a cula ñuana a mo amusa.
10Mi eare ñuana a sina gola a mo lere go moroaria Faroe, mi a na yaka moroaue. Mi a mo sha leina ya Moshe: mi a re, gone ki mo shuabotse mo metseñ.
11¶ Mi ga rihala mo metleñ euo ka Moshe a sina gola, a coela go bana ba ga rague, mi a leba mebelego ea bona: mi a bona Moegepeto a tlanya Mohebera, oa bana ba ga rague.
12Mi a koba kua le kua, mi eare a bona go sina ope, a bolaea Moegepeto, a mo shuba mo moshaueñ.
13Mi motla o moñue ka a ba a coela go bona, mi bonañ, Bahebera ba tu ba loa: mi a raea eo o rumolañ, U tlanyetsañ moñ ka uena?
14Mi a re, U laolecoe e mañ molaori le mosiamisi oa rona? A u rata go ’mpolaea yaka u bolaile Moegepeto? Moshe a boiha, mi a re, Amarure seo se, se itsegile.
15Mi yana eare Faroe a utlua seuo, a batla go bolaea Moshe. Mi Moshe a tsaba hatlogo sa ga Faroe, mi a nna mo hatsiñ ya Midiana: mi a lula ha seribeñ.
16¶ Mi moperiseti oa Midiana a bo a na le bomoroarie ba seven: mi ba tla go ga metse, mi ba tlatsa likati go nosa lecomane ya ga rabo.
17Mi barisi ba tla, ba ba leleka: mi Moshe a nanoga, a ba thusa, a nosa lecomane ya bona.
18Mi erile ba hitla go Reuele rabo, a re, Ana lo akohile yañ ka yenu?
19Mi ba re, Moegepeto o re golotse mo barisiñ; le gona a re gela segolu, mi a nosa lecomane.
20Mi a raea bomoroarie, Ana o ha kae? lo leseleritseñ monona a ea? mitseñ gore a ye liyo.
21Mi Moshe a itumela go nna le monona eo: mi a naea Moshe Tsiporahe moroarie.
22Mi a tsala nae mosimane, mi a mo sha leina ya Gereshome: gone a re, Ki moeñ mo hatsiñ ya boeñ.
23¶ Mi ga rihala ka lobaka lo sina heta, khosi ea Egepeto ea shua: mi bana ba Yeserele ba hegerisioa ki tihelo; mi ba goela, mi go goa ga tihelo ga tlatlogela Morimoñ.
24Mi Morimo oa utlua conelo ea bona, mi Morimo oa gakologeloa kholagano ea ona le Aberahame, le Yitsake, le Yakobe.
25Mi Morimo oa leba bana ba Yeserele, mi Morimo oa ba ñoka.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.