Genese 43 - Sechuana Tlhaping Moffatt Bible 1890(TSN1890)

KHAOLO 43.

1MI yana loshekere lo lo le thata mo hatsiñ yeuo.

2Mi ga rihala ka ba sina ya mabele, a ba le ba a lerile go coa Egepeto, rabo a ba raea, Bañ lo ee go re rekela liyo li le lipotlana.

3Mi Yude a bua nae, a re, Monona eo, o la re itsisetse rure, a re, Ga lo kitla lo bona hatlogo sa me ha monna lona a sina le lona.

4Ha u roma monna rona le rona, re tla ea, mi re gu rekela liyo:

5Mi ha u gana go mo roma, ga re kitla re ea: gone monona eo, o la re, Ga lo kitla lo bona hatlogo sa me ha monna lona a sina le lona.

6Mi Yeserele a re, Ana lo lo ’ntihelañ boshula yalo, ka lo bulelela monona eo, ha lo sa na le monna lona?

7Mi ba re, Monona eo, o la botsa ga rona ka pitlaganyo, le kaga litsala tsa rona, a re, A ra lona o sa tserile? a lo sa na le moñue moroa rra eno? Mi ra mulelela kaha mahukuñ auo. A re le ra itse rure ha a tla re, Lereñ monna lona?

8Mi Yude a raea Yeserele rague, ’nnela lekau, mi re tla nanoga re tsamaea; gore re tsele, re si shue, rona, le uena, le banyana ba rona.

9Ki tla na moleheri oa gague; u matle mo atleñ sa me: Etlare ha ki sa mo gu leretse ka maea ha pele ga gago, ereha gona, a ki belege molatu ka bosina bokhutlo;

10Gone re kabo re sa riega, amarure, re kabo re bile ra boelela loa bo‐tu.

11Mi Yeserele rabo a ba raea, A ere ha yana go na yalo, rihañ mo; tsaeañ maüñuo a a molemo bogolo a lehatsi ye mo lirotuñ tsa lona, mi lo isetse monona eo neo, eboñ, balam a le monye, le linotse li le lipotlana; le tse ri eñkhañ monate, le mera, le linuta, le liamandela.

12Mi colañ mari a le tu mo atleñ tsa lona; mi le mari a a bileñ a boea mo melomoñ ea khetse tsa lona, lo a tsee mo atleñ tsa lona, etlare khotsa a ba a sa boea ka omu:

13Tsaeañ le ena monna lona, mi nanogañ, lo bo lo boele mononeñ eo:

14Mi Morimo Mothatietle a o lo nee mautluelo botluku ha pele ga monona eo, gore a lo nele le moroa rra eno eo moñue le Benyamine. Mi ’na, ha ki latlegecoe ki bana ki latlegile.

15¶ Mi banona ba tsaea neo e, le mari a le tu, mo atleñ tsa bona, le Benyamine, mi ba nanoga ba ea Egepeto, mi ba ema ha pele ga Yosefe.

16Mi eare Yosefe a bona Benyamine a na nabo, a raea molaori oa eintlu ea gague, Isa banona ba kua gae, u tlabe u bakanye; gone banona ba, ba tla ya le ’na motsegare.

17Mi monona eo, a riha yaka Yosefe a mo reile, mi monona eo, a isa banona ba mo tluñ ea ga Yosefe.

18Mi banona ba, ba boiha, gone ba isioa mo tluñ ea ga Yosefe; mi ba re, Re isioa mo teñ ka eintla ea mari ua erileñ ga eintla a ba a boea mo khetseñ tsa rona, gore a re tsee, a re oele, a re rihe batlañka, le go tsaea esela tsa rona.

19¶ Mi ba atamela molaori oa eintlu ea ga Yosefe, mi ba bua nae ha moyakoñ oa eintlu,

20Mi ba re, Au morena! erile loa eintla eabo rure re tlile go reka liyo;

21Mi ga rihala ka re sina hitla mo tluñ ea baeti, mi re boholola khetse tsa rona, bona, monona moñue le moñue mari a gague a bo a le mo molomoñ oa khetse ea gague, mari a rona yaka bokete yoa aona: mi re a lerile mo atleñ tsa rona.

22Mi gape re lerile mari a mañue mo atleñ tsa rona go reka liyo: ga re itse eo o tsentseñ mari a rona mo khetseñ tsa rona.

23Mi a re, Kagisho e ne le lona, si boiheñ; Morimo oa lona, le Morimo oa ra lona, o lo neile lohumo mo khetseñ tsa lona: mari a lona a tlile go ’na. Mi a ba entsetsa Simeone.

24Mi monona a isa banona ba mo tluñ ea ga Yosefe, mi a ba naea metse mi ba tlacua nao tsa bona; mi a naea esela tsa bona liyo.

25Mi ba bakanya neo ga tsamaea Yosefe a tla motsegare: gone ba le ba utlua ha ba tla yela liyo gona.

26¶ Mi eare Yosefe a sina hitla gae, ba mo leretse neo, e e le le mo atleñ tsa bona mo tluñ, mi ba mo ikobela hatsi.

27Mi a ba botsa kaha bantseñ ka gona, mi a re, A go sa siame le ra lona? mogogaie, eo lo buileñ ga gague, a o sa tserile?

28Mi ba re, Go sa siame le motlañka oa gago, ra rona o sa tserile. Mi ba oba litlogo tsa bona, mi ba inama.

29Mi a culetsa maitlo a gague, mi a bona Benyamine monnaue, moroa mague, mi a re, A eo ki ena monna lona, eo lo muileñ le ’na? Mi a re, Moroaka, a Morimo o ne boicuarelo go uena.

30Mi Yosefe a akoha, gone boteñ yoa gague bo rumela monnaue: mi a batla ha o ka lelelañ gona; mi a tsena mo tluñ ea gague ea teñ, mi a lelela gona.

31Mi a tlacua hatlogo sa gague, mi a coa, mi a ikhapha, a re, Baeañ liyo.

32Mi ba mela esi, le bona ba ba bela bosi, le Baegepeto ba ba yañ nae ba ba bela bosi: gone Baegepeto ba sa ye liyo le Bahebera: gone go riha yalo go iloa ki Baegepeto.

33Mi ba lula ha pele ga gague, oa burure kaha botsaloñ yoa eintla yoa gague, mi eo motlana kaha bokauñ yoa gague: mi banona ba gakhamalana.

34Mi a tsaea ga meyo e e ha pele ga gague, mi a e ba naea, mi moyo oa ga Benyamine oa bo o le bogolu bo‐faeve mo go oa bona botle. Mi ba noa, mi ba khora nae.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help