1MI Bafiliseta ba tlabana le Bayeserela: mi banona ba Bayeserela ba tsaba ha pele ga Bafiliseta, ba oa ba bolailoe mo thabeñ tsa Gileboa.
2Mi Bafiliseta ba hitlela Saule le bomoroaue; mi Bafiliseta ba bolaea Yonatane, le Abinadabe, le Maleki‐shue, bomoroa Saule.
3Mi tlabano e le le thata go Saule, mi bahuri ba mara ba mo hoiha; mi a kuenesicoe ki bahuri.
4Mi Saule a raea mokaberi libolao oa gague, Shomola caka ea gago, mi ’mphololetsa ka eona; gore e si re khotsa ba ba sa guerisioañ ba, ba tla ba ’ncotla. Mi mokaberi libolao oa gague a gana; gone a boiha segolu. Ereha gona Saule o tsaeañ caka e, a oela go eona.
5Mi erile mokaberi libolao oa gague a bona ha Saule a shule, le ena a oela go cakeñ ea gague, a shua.
6Mi Saule a shua, le bomoroaue ba teri, le ba eintlu ea gague ba shua mogo.
7Mi erile banona ba Bayeserela botle ba ba le ba le mo mogorogoroñ ba bona ha ba tsaba, le Saule le bomoroaue ba shule, ba tlogela metse ea bona ba tsaba: mi Bafiliseta ba ea ba nna go eona.
8¶ Mi ga rihala ka mosho, ka Bafiliseta ba ea go apola ba ba bolailoeñ, ba bona Saule le bomoroaue, ba namaletse mo thabeñ tsa Gileboa.
9Mi ba mo apola, ba tsaea tlogo ea gague, le libolao tsa gague, ba li romela kua hatsiñ ya Bafiliseta tikologoñ, go bulelela licuanco tsa merimo tsa bona, le bathu.
10Mi ba tsenya libolao tsa gague mo tluñ ea merimo ea bona, ba kokothela tlogo ea gague mo tluñ ea Dagone.
11Mi erile ba Yabesha‐gileada botle ba utlua cotle tse Bafiliseta ba li rihetseñ Saule,
12Banona ba linatla botle ba nanoga, ba tsaea serepa sa Saule, le lirepa tsa bomoroaue, ba li tlisa go Yabesha, ba hitla marapo a bona tlatse ga moterebenta kua Yabesha, ba riha pisho go ya ka malatsi a seven.
13¶ Yalo Saule a shuela tlolo ea gague e o e tloletseñ Yehova, ka go bisa go tsegetsa lehuku ya Yehova, mi le gona ka a batla moloi, go botsa ka ena,
14Mi a sa botse Yehova: ki gona o molaileñ, mi a pitikololela Davide moroa Yeshae bogosi.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
