1BOYALOA ki moshotli, boyaloa yo bo thata ki phokelelo: botle ba ba timerioañ ki yona ga ba botlale.
2Thero ea khosi e cuana le tumo ea lerumeri; eo o e gakatsañ o leohela moea oa gague.
3Ki tlotlo mo mononeñ go khutla mo khañeñ: mi lesilo leñue le leñue le tla itlakanya le eona.
4Moruhari o gana go lema ka go le mariga; ki gona o tla kopañ mo thoboñ, mi ga a kitla a bona sepe.
5Khakololo mo peluñ ea monona e cuana le metse a boteñ; mi monona oa tlaloganyo o tla e ga.
6Moñue le moñue mo bontsiñ yoa bathu o biletsa gorimo pelunomi ea gague: mi monona oa boikaño rure, o tla bonoa ki mañ?
7Mosiami eo o tsamaeañ mo tsiamoñ ea gague, bana ba gague ba tsegoharicoe hularoñ sa gague.
8Khosi e e rulañ mo teroneñ ea tsekisho, e halatsa boshula yotle ka maitlo a eona.
9E mañ eo o ka reñ, Ki itsekisitse pelu ea me? ki itsekile mo libeñ tsa me?
10Libokete tsa tekanyo li tu, le lilekanyo li tu, E, co tu tsa cona, li moila go Yehova.
11Le ena ñuana o itsisioe ka tiho tsa gague, ha tiho ea gague e tla na boitseko, khotsa ea thokhamo.
12Tsebe e e utluañ, le leitlo ye le bonañ, Yehova o li rihile co tu tsa cona.
13Si rate thobalo, gore u si humanege; burulola maitlo a gago, mi u tla khora señkhue.
14Go boshula, go boshula, go bua moreki: mi a sina a ea oa belahala.
15Gouda e gona, le bontsi yoa liperela: mi lipounama tsa kico ki se se rategañ bogolu.
16Tsaea seaparo sa gague eo e leñ moleheri oa o sele: mi mo tselela moeñ pelelo.
17Señkhue sa kako se botse go mothu; mi morago ga mouo molomo oa gague o tla tlarioa ka losagarana.
18Boitlomo bo tlomamisioa ki khakololo: mi epa lira ka khakololo ea molemo.
19Eo o nalanalañ a le mosebi, o bonatsa bosaitsioeñ: ki gona u si itlakanye le ena eo o hepañ ka pounama tsa gague.
20Eo o rogañ rague khotsa mague, lobone loa gague lo tla tiñoa mo boncuñ yoa lehihi.
21Ha boshua bo akohisioa mo tsimologoñ, bokhutlo yoa yona ga bo kitla bo tsegoharioa.
22U si re, Ki tla khopololela boshula; lebelela Yehova, mi o tla gu thusa.
23Libokete tsa tekanyo li tu li moila go Yehova: le tekanyo ea pego ea tsieco ga e molemo.
24Litsepelo tsa mothu li coa go Yehova, ki gona mothu o ka tlaloganya tsela ea gague yañ?
25Ki seru sa mothu, go ’mmetsa se se itsephileñ, mi morago ga maikano go botsisa.
26Khosi ea tlaleho e halatsa baikepi, mi e lere uile gorimo ga bona.
27Moea oa mothu ki lobone loa ga Yehova lo lo kheleisañ mahelo a cubo a boteñ aotle.
28Pelunomi le boikaño li iletsa khosi: le terone ea eona e okeletsega ka pelunomi.
29Khalalelo ea ligañka ki nonoho ea cona: le khalalelo ea bagolu ki tlogo e pururu.
30Thurugo ea ntho e itsekisa boshula: lipeco le cona li ntse yalo mo maheloñ a boteñ yoa mpa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.