1PEROFESHO kaga Damaseka. Bonañ, Damaseka o tla tlosioa, gore o si ne motse; mi o tla na mokoa oa lirobego.
2Metse ea Aroera e tla tlobogoa: e tla na e macomane a tla bothañ gona, mi ga go ope eo o tla a cosañ.
3Mi kago ea phemelo e tla khutla mo Eferaima, le bogosi mo Damaseka, le masalela a Siria: o tla na yaka khalalelo ea bana ba Yeserela, go bua Yehova oa lintua.
4Mi go tla rihala mo tsatsiñ yeuo, ha khalalelo ea Bayakoba e tla koaharioa; mi monono oa nama ea bona o tla koruahala.
5Mi go tla na yaka morobi eo o phuthañ mabele a a emeñ, a roba liako ka cogo ya gague; go tla na yaka thonopo ea liako, mo mogorogoroñ oa Refaima.
6¶ Gone maronopo a tla tlogeloa mo go ona, yaka mo thoboñ ea ma-tluare; likuñuo li tu khotsa li teri, tse ri mo tloeñ sa setlare; li for khotsa li faev mo likaleñ tsa se se uñuañ; go bua Yehova, Morimo oa Bayeserela.
7Mo tsatsiñ yeuo, mothu o tla ñoka Morihi oa gague, mi maitlo a gague a tla lebela Moitsephi oa Bayeserela.
8Mi ga a kitla a ñoka lialetara, tiho ea atla tsa gague, le esiñ go leba lilo tse menuana ea gague e li rihileñ, le licuanco tsa Aresetarete, le licuanco tsa letsatsi.
9¶ Mo tsatsiñ yeuo, metse e e hemecoeñ ea gague, e tla na yaka tse ri setseñ tsa likhua, le litlare tse ri gorimo tse ri tsa tlogeloa ha pele ga bana ba Yeserela: moñue le moñue oa eona o tla senyega.
10Ka gone lo gakiloe ki Morimo oa puluko ea lona, lo sa gakologeloe lehika ya thata ea lona, ki gona lo ka tlomañ litlomo tse ri natehañ, le go tloma matlogela a hatse le sele:
11Mo tsatsiñ ye lo tla tlomañ ka yeona lo tla se merisa, mi lo tla thun-tsa peu ea lona mo moshoñ: le thobo e tla nyelela mo tsatsiñ ya botluku le bohutsana bobe.
12¶ He! morumo oa bathu ba le bantsi, ba ba rumañ yaka morumo oa maoatle; cabanyo ea merahe e e ca-banyetsegañ yaka metse a magolu a cabanyetsega!
13Merahe e tla cabanya yaka cabanyo ea metse a le mantsi: mi o tla ba khalemela, mi ba tla tsabela khakala; mi e tla khukheloa yaka moko oa lithaba ha pele ga pheho, yaka kholokoe ea lirite ha pele ga secüacüe.
14Bonañ go therego mo motleñ oa matsiboea: mi ba siëo mosho o e si o tle. E, ki eona kabelo ea bona ba ba re thopañ, le popego ea bona ba ba re gapañ.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.